Breaking News

Dintsho tsa barutabana di a tshwenya

19 May 2021

Mothusa modulasetilo wa komiti ya thuto kwa khanseleng potlana ya Mahalapye, Rre Khumo Motonto, a re ba tshwenngwa ke go gola ga dintsho tsa barutabana ka ntata ya mogare wa corona.

Mothusa modulasetilo o buile seo fa ba abela dikole tse di potlana tsa Leetile le Ngakayagae di bipa nko le molomo ga mmogo le di bolaya mogare kwa Mahalapye ka Labobedi.

Rre Motonto, yo gape e leng mokhanselara wa Ngakayagae, a re ba ne ba ikopanya e le makhanselara a Mahalapye Bophirima gore ba tswe thuso dikole tsotlhe tse di lesome le bongwe tse di mo kgaolong eo.

O supile fa sekole sengwe le sengwe se tlaa abelwa di bipa nko le molomo di le makgolo a mabedi le masome a matlhano le sekupu sa 20 litres sa sebolaya mogare.

Rre Motonto o supile fa mosepele wa bone o sa felele foo, a supa fa ba tlaa tswelela ba thusa gore setshaba se kgone go sireletsega mo bolwetseng jwa COVID 19.

O lebogetse seabe sa ga Rre Mompati Ntapu yo e leng mokwaledi wa ga tautona yo faphegileng ka seabe se a nnileng le sone mo go thuseng makhanselara go abela dikole.

O supile fa lefatshe leno le tlhoka batho ba go tshwana le Rre Ntapu, ba ba sa lebaleng kwa ba tswang teng.

Mogokgo wa sekole sa Leetile, Mme Thandie Gaogane, o lebogetse tirisano mmogo ya makhanselara.

A re go le gantsi ba bona dimpho fa ba di kopile mme a galaletsa thata ka jaana dimpho tse di tswang mo makhanselareng ba sa di kopa.

Mme Gaogane a re ba tsweletse ka go obamela melawana ya tsa botsogo mo sekoleng sa bone, a supa fa ba tlaa baya di bipa nko le molomo tse dingwe kwa kgorong ya sekole gore ope yoo sa rwalang a kgone go thusiwa pele a ka amana le batho ba le bantsi mo sekoleng.

A re letlhoko la ditafole le ba kgoreletsa go katologanya baithuti mme seo se bake gore ba palelwe ke go obamela melawana ya corona.

Mogokgo wa Ngakayagae Memorial School, Rre Joseph Mtunzi, a re ba na le letlhoko la ditilo le ditafole mo sekoleng, a tlatsa ka gore go na le tlhaelo ya didirisiwa tse di phepafatsang ga mmogo le bodiredi jo bo phepafatsang tikologo ya sekole.

O supile fa mo pakeng ee fetileng, ba ne ba na le bana ba le lesome le bongwe le morutabana a le mongwe ba ba neng ba tshwere ka mogare wa corona, mme a supa fa botlhe ba boetse mo sekoleng ebile ba siame.

Fa a lebogela dimpho tseo, mothusa modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa Ngakayagae, Rre Oagomotsa Letsweletse, a re o lebogela tiro e kgolo e makhanselara ba e dirang.

A re mowa wa go aba ke wa mongwe le mongwe ka jalo a rotloetsa gore o dirwe ke batho botlhe eseng makhanselara fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo Dimpho

Date : 19 May 2021