Banna ga ba ipone molato wa bogodu
19 May 2021
Banna ba le babedi ba itshupile fa pele gaga mmakaseterata yo mogolwane wa Maun, Rre Thebeetsile Molalu, mabapi le molato wa bogodu jwa leruo.
Fa ba iponatsa fa pele ga lekgotla ka Labobedi, banna ba babedi bao ba ne ba supa fa ba sa ipone molato.
Mmelaelwa wa ntlha e bong Kapurua Vitore wa kgotla ya Thitoyamokodi kwa Maun wa dingwaga tse di masome a marataro o ne a supa fa a na le mmueledi mme mmelaelwa wa bobedi e bong Kamuvi Vitore wa moraka wa Dikgathong yoo dingwaga tse di masome a mararo le bosupa ene o ne a supa fa a tlaa ikemela.
Go ya ka dintlha tsa molato, go bolelwa fa banna bao ba ne ba fitlhelwa ka dirwe tsa nama ya kgomo e go belaesagang e utswilwe ka nako ya bongwe gare ga bosigo ka ngwaga wa 2020.
Mosekisi, Rre Ontiretse Modisaotsile, a re ba ipaakanyeditse go fa babelaelwa dipampari tsa basupi.
Babelaelwa ba tlaa iponatsa gape mo lekgotleng Phukwi a robabobedi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Tsheko
Date : 19 May 2021