Molemi o tshwareletse mo temong
19 May 2021
Balemi bangwe santse ba dirisa mootwana go photha le go roba mabele ka dithipa go sa kgathelesege gore ba ntshitse thobo e e kae.
Le ntswa a sena ditsompelo tsa segompieno, Mme Keitumele Kebasiile, yo o lemang kwa masimong a Mothaka gaufi le Mmashoro o lema mo go kgotsofatsang go itirela dijo le gone go ntsha thobo e e rekisiwang.
Molemi yo, yo o dingwaga di masome a a supa le boraro, o lema ntshe, dinawa, marotse, mmidi le mabele.
Mo nakong eno o setse a dirile serala se a bayang mabele mo go sone le bodilo jo a phothelang mo go jone.
A re o dirisa mootwana go photha mabele fa a sena go a baya mo bodilong jo a bo dirileng mme e re a fetsa go a photha a a olose.
Mme Kebasiile a re morago ga go ntsha leswe leo, o tlaa bo a olela mabele a a tshela mo dikgetsing gore a kgone go a baya sentle le gone gore go nne motlhofo go a rekisa.
O tlhalositse fa a lema ka ditselana mme a dirisa terekere mme keletso ya gagwe e le gore a dirise ditonki, mme sebe sa phiri ke gore ba ba lemelang batho ka ditonki ba boutsana mo kgaolong ya gagwe.
Mme Kebasiile a re le ntswa e le ene a robang thobo ya gagwe a bo a photha mabele o itshetsa ka yone ka o rekisa thobo e nngwe a bo a bona dipoelo tse di nametsang thata nako le nako fa a lemile.
“Ngwaga mongwe le mongwe ga nke ke tlhoka go bona sengwe se se jewang mo temong le fa go ka nna pula ee boutsana,” ga bua Mme Kebasiile.
Ka jalo, Mme Kabasiile a re mo temong ya ngwaga ono, o kgonne go roba mo go nametsang bogolo jang mabele le dinawa tse a setseng a simolotse go di photha.
A re o ntse o tsweletse ka go roba mme o solofetse go dira madi a a nametsang mo go rekiseng segolo jang dinawa le mabele.
O tlhalositse fa a sa itumelela thobo e a e boneng ya mmidi mo temong ya gompieno ka o ne o se montsi ntateng ya pula e ntsi.
Mme Kebasiile a re Batswana ka bontsi ga ba sa tlhole ba tsaya temo ka tlhwaafalo le ntswa e le botlhokwa.
O ne a ba rotloetsa go tsaya karolo mo go yone ka e ka ba direla dijo bogolo jang mo nakong e COVID-19 e bakileng seemo sa itsholelo se sa iketlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tefo Rantaung
Location : MMASHORO
Event : Potsolotso
Date : 19 May 2021