Breaking News

Tautona Masisi o etela Lesotho

19 May 2021

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o etetse kwa Lesotho, go kopano le Kgosi Letsie III go abelana megopolo le go lekodisana ka tse di amang mafatshe a mabedi.

Fa a buisana le babegadikgang ka Laboraro pele a emelela, Tautona Masisi o tlhalositse gore segolo bogolo loeto la gagwe kwa Lesotho le amana le go bapatsa Rre Elias Magosi yo o emetseng maemo a bokwaledi bogolo jwa lekgotla la SADC.

Dikgang tse dingwe tse Tautona Dr Masisi a tlaa di amoganang le Kgosi Letsie III ke tse di amang bolwetse jwa COVID-19.

Dr Masisi o patilwe ke mothusa molamaganya lekoko la ga tautona le le itebegantseng le segajaja sa COVID-19, Prof Mosepele Mosepele, mme ka jalo ba tlaa lekodisana ka dikgang tsa COVID-19 segolo bogolo tsa theko ya lemao kgotsa melemo.

Nngwe ya tse di botlhokwa gape mo loetong le ke go rotloetsa botsalano jwa bogosi, ka jalo Tautona a patilwe ke Kgosi Malope II wa Bangwaketse.

Tautona Masisi o boletse gore botsalano jwa bogosi jwa mafatshe a mabedi bo botlhokwa thata, mme ka jalo a re go tsamaya le Kgosi Malope II go tla tiisa botsalano jo bo leng teng. BOKHUTLO

BOPA LC 19/5/21

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GABORONE

Event : Loeto la ga Tautona

Date : 19 May 2021