Lesaso o gatelela molaetsa
18 May 2021
Boeteledipele jwa metse ya Mokgenene, Otse le Shoshong bo kopilwe go rotloetsa setshaba go tsaya ka tlhwaafalo molaetsa wa ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi, go fetola ka fa go ntseng go akanngwa kgotsa go dirwa ditiro ka teng.
Fa a buisa diphuthego kwa metseng eo bosheng, Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o tlhalositse fa molaetsa wa ga Tautona o tsile ka nako e lefatshe ka bophara le wetsweng ke seru sa segajaja sa COVID-19.
A re seemo se se babaletse itsholelo ya lefatshe mme a gatelela gore go botlhokwa gore Motswana mongwe le mongwe a tseye karolo mo go lwantsheng kanamo ya bolwetse.
“Gore re kgone re atlege mo ntweng e re le lefatshe, go tlhokafala gore rotlhe re fetole mekgwa e re ntseng re akanya kgotsa re dira ditiro ka yone. Seo se ka re thusa le go fefosa go isa ditirelo kwa setshabeng le go tlhabololo itsholelo ya lefatshe,” Rre Lesaso a tlhalosa.
O gateletse gore bodiredi jwa puso le jone bo tshwanetse jwa tsaya phetogo e ka tlhwaafalo ka go tsibogela matshwenyego a setshaba ka bofefo jo bo kgonagalang le go dirisa didirisiwa tsotlhe tsa puso ka pabalelo go itsa tshenyo e e sa tlhokafaleng. Nngwe ya dikgang tse di tshwenyang thata, Rre Lesaso a re ke tshenyetso setshaba e e atileng ebile e kgoreletsa go isa ditirelo ka tsela e e tlhamaletseng kwa setshabeng.
A re tshenyetso setshaba ke mmaba o motona mo itsholelong ya mafatshe ka e lomeletsa setshaba go bona dithuso tse di maleba gape e diya ditlhabololo.
“Tshenyetso setshaba e atile. A mongwe le mongwe a tseye maikarabelo a go e lwantsha le go dira thomo e a e romilweng ka natla a sa lomeletse,” Rre Lesaso a gakolola.
Mopalamente Lesao o ngongoregetse go tlhoka go ithulaganya ga komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Shoshong, ka e paletswe ke go mo fa tekodiso ka ditlhabololo le matshwenyego a morafe mme a ba kopa go itshekatsheka le go ipaakanya.
O kopile gape gore Shoshong Development Trust e tsosolosiwe gore e kgone go thusa mo ditlhabololong tsa motse.
Rre Lesaso o ne a tlhalosa fa Rural Administration Centre e tsile go agiwa kwa Shoshong ga mmogo le go gokelwa ga dipone tsa mo mekgwatheng.
Fa a ntsha matshwenyego a motse wa gagwe, Kgosi Mabedi Motlhagodi wa Mokgenene o ngongoregile ka tlhaelo ya matlo a bodiredi segolo jang a barutabana le baoki.
O ngongoregile gape le ka seemo sa tsela ya Mokgenene/Dibete/Poloka.
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse ka go farologana a ne a ngongorega ka go tlhoka go gokelwa ga motlakase mo motseng le tsamaiso ya lephata la kabo ditsha e ba reng ga e kgotsofatse.
Kwa Otse, Kgosi Boithamako Keiponye o ngongoregile ka tsela ya Dibete/Otse mme a kopa gore fa go ka bonwa madi, e akanyediwe go tshelwa sekonotere.
A re metshelakgabo e e mo motseng le yone e tshwanetse go baakanngwa ka e tlhatsetsa metsi mo tseleng fa pula e nele.
Toro ga gagwe e tona ke gore ba thusiwe go teratelela letsha le le mo motseng le go tswa ka megopolo ya gore ba ka le dirisa jang go oka bajanala.
Kgosi o ne a kopa bagodi botlhe go ikwadisetsa go tsaya mokento wa COVID-19, a kgala dipuo tse di buegang mo motseng gape di sena boammaaruri gore mokento ga o a siama. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego tsa Kgotla
Date : 18 May 2021