Breaking News

Tebelopele e lela ka go tlhoka ofisi

18 May 2021

Moeteledipele wa Tebelopele kwa Tsabong a re ga ba na lefelo le ba thusetsang setshaba kwa go lone ka dikago tse ba neng ba di dirisa di ranyega.

Mo potsolotsong ka Mosupologo Motsheganong 17, Rre Leach Lebakang o tlhalositse fa go lebega ntlo eo e sa le e agilwe dingwaga tse di fetang masome a matlhano tse di fetileng mme e setse e onetse.

A re khansele e ne ya sekaseka dikago tseo bosheng mme ba supa fa di sa siamela go dirisiwa ka di le borai ebile go lebega di ka gosomana nako nngwe le nngwe.

Rre Lebakeng a re mo nakong ya gompieno ba dirisa caravan e le nngwe e le yone e sa siamang mme ba ikuetse mo boeteledipeleng jwa bone go ba thusa. A re go na le dipuisano tse di tsweletseng gareng ga bone le lekgotla la kabo ditsha go ba thusa ka lefatshe le ba ka ikagelang diofisi mo go lone.

O tlhalositse fa ofisi eo e sa le e butswe ka 2003 mme ditirelo tse ba di neelang setshaba e le tsa go tlhatlhobela mogare wa HIV.

Rre Lebakang a re ba ne ba  ntse ba kwadisa palo ee kwa godimo ya batho ba ba itlhathobelang mogare mme ka lebaka la COVID-19, ei wetse tlase ka ba sa kgone go tswela kwa ntle ga metse e e mo kgaolong le gore bangwe ba felela ba fela pelo ka lebaka la tiego e e bakwang ke go dirisa ofisi e le nngwe.

Fa a tsibogela dikgang tse, modiri ebile e le motlhatlhobi go tswa kwa lephateng la ditima molelo kwa Tsabong, Rre Gabotsewe Ramoeta o tlhalositse fa ba ne ba ya go lekola ofisi ya Tebelopele mme ditshekatsheko di supile fa dikago tseo di sa siamela botsogo jwa batho le gore di borai ka di ka nna tsa phatloga nako nngwe le nngwe.

O boletse fa caravan le yone e na ebile e tlhoka setsidifatsi (air conditioner) mme megala ya motlakase ga e mo seemong se se siameng, selo a reng ga se a siamela didirisiwa tsa bone.

A re ba ne ba gakolola badiri ba ofisi go ya go batla setsha go sele.

E ne ya re bosheng Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe, a etetse kgaolo ya Kgalagadi, boeteledipele jwa Tebelopele jwa kopana nae go mo itekodisa ka letlhoko la diofisi.

Modulasetilo wa khuduthamaga ya Tebelopele, Rre Pius Mokgware, o ne a supa fa lekalana leo le tswa kgakala le dirisana le puso go thusa setshaba mo go tsa botsogo mme a kopa mothusa tona gore a thuse ka diofisi.

Rre Mokgware a re Tebelopele e tlhoka kemo nokeng ya puso bogolo ka caravan gore badiri ba kgone go neela setshaba ditirelo. 

O boletse fa Tebelopele e le botlhokwa mo botsogong jwa Batswana ka ba tswa kgakala ba e tshepa a bo a supa fa go setse go na le makalana mangwe a a kgonang go thusa puso go neela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV.

Rre Lelatisitswe o ne a supa fa ba tlaa rulaganya le boeteledipele jwa Tebelopele go buisana ka kgang e ka ba tseela kwa godimo dikgang tse di amang botsogo jwa setshaba.

A re seo se ka thusa go tswa ka ditharabololo le go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 18 May 2021