Kgosi o kgothatsa banana go ema ka dinao
18 May 2021
Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng o rotloeditse banana go fetola ka fa ba akanyang ka teng le go inaakanya le dilo tse di ka ba solegelang molemo.
O buile se kwa Letlhakeng bosheng fa a amogela monana go tswa kwa Botswana National Youth Council ebile a emetse ditlhopho tsa Commonwealth Youth Council, Rre Kaene Disepo.
Kgosi Puleng o ne a supa fa a itumeletse gore banana ba kopanetse kwa kgotleng.
O ne a ba kopa go tlogela go tshameka mo go sa ba thuseng ka sepe.
Mo go tse dingwe, kgosi o supile gore fa e sale ka kiletso mesepele ngwaga o o fetileng, kagiso e a rena kwa Letlhakeng.
O kopile banana go tswelela ka go obamela melawana ya botsogo ya go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa, go nna ba katologanye, go ipipa dinko le melomo le gone go itshasa dibolaya mogare.
Rre Disepo ene o ne a gakolola banana gore ba ka nna se ba eletsang go nna sone fa ba itomile molomo wa tlase.
A re fa motho a sa eme ka dinao, o ka se kgone go lemoga bokgoni jo a nang le jone.
O kopile banana go ikopanya le ofisi ya banana fa ba na le megopolo, a supa fa ba ka thusiwa go betla megopolo ya bone.
Rre Disepo o supile fa bontsi jwa banana ba rata se ba se dirang mme mathata e le gore ga nke ba tsenela kwa teng go bona kwa ba ka ba ka bonang dithuso teng.
O supile fa madi a banana a boa e se ka gore banana ga ba na mananeo, mme e le ka ntlha ya gore ga ba kope thuso.
O tlhalositse fa banana ba sa rate go thusana le go itsana, a supa fa nako e ntsi go buiwa le bone ba utlwa mme go tsweng foo ba a lebala.
Rre Disepo o tlhalositse fa e rile ka nako ya kiletso mesepele banana ba ne ba thubediwa mme bangwe ba ne ba le dingwaga tse lesome le bone, a re ka jalo o tlhamile mokgatlho oo thusang banana ba bomme ba ba nang le bana oo bidiwang Young Mothers Support Programme.
O kopile banana go ntsha bokgoni jwa bone ba sa lebelele gore ba tswa kae, a supa gore fa a kgonne go phunyeletsa go emele lefatshe la gagwe kwa mafatsheng a sele le bone ba ka kgona.
O ba gakolotse gape gore ba ofisi ya banana ba ka se ba thuse ba sa ba itse.
Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Anderson Mathibe, o ne a supa fa lefatshe le le mo leshekereng ka ntlha ya mogare wa corona, mme banana ba latlhegetswe ke tsholofelo.
O tlhalositse fa go itumedisa go bona banana ba kgothatsa banana ka bone, a bo a kopa ofisi ya banana go tswa ka mananeo a a tsamaelanang le dinako tsa gompieno.
Mokhanselara o supile fa kgaolo ya Kweneng e na le di-tsa tlholego jaaka morama, mahupu le tee e e dirwang ka motlopi mme se se salang e le gore go bonwe gore go ka thusiwa batho jang go dirisa ditsatlholego tse.
Rre Mathibe o kopile banana go tswa mo Facebook a ba gakolola go e dirisa go bapatsa dikgwebo tsa bone.
Mokhanselara wa Letlhakeng South, Rre Mothusi Ramogolane, o ne a kopa banana go itshekatsheka gore ba na le bokgoni jwa eng mme ba bo dirise. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 18 May 2021