Breaking News

Temo e wetse tlase kwa dikgaolong dingwe

18 May 2021

Modulasetilo wa khansele potlana ya Kanye, Rre Simon Ramaphoi, a re selekanyo sa temo se dikile se wetse tlase kwa kgaolong eo.

E rile a bula semmuso phuthego ya khansele potlana ka Mosupologo, Motsheganong 17, a tlhalosa fa go dikile go lemilwe ditema di le dikete di le lesome le bobedi, makgolo a mane le lesome le bone fa go tshwantshanngwa le dikete di le lesome le borataro, lekgolo le masome a supa le bongwe mo pakeng ya temo e e fetileng.

A re le dipalo tsa balemi di fokotsegile ka makgolo a marataro le boferabobedi go tswa kwa pakeng e e fetileng. 

A re se se bakilwe ke pula e ntsi ka e ne ya kgoreletsa batho go lema.

Rre Ramaphoi o boletse fa seemo sa phulo e le se se fa gare ka jaana go solofelwa gore phulo kwa Lorolwane e fokotsege jaaka paka ya mariga e gorogile. 

A re kwa Segwagwa, Pelotshetlha, Lotlhakane East, Moshana le Selokolela gone go setse go supa fa seemo se simolotse go tshwenya.

Ka jalo o ne a kopa barui go tswelela ka go somarela dijwalo tse di leng teng le go batlela leruo la bone dijo. 

O ne gape a kgothatsa barui go nonotsha boleng jwa leruo ka go dirisa ditlamelo tsa kgwediso ka seatla kwa kampeng ya Tsatsu.

A re dikgomo di le makgolo a mararo le lesome le bobedi di ne tsa tsenngwa mo lenaneong la kgwediso ka seatla mo pakeng e e sa tswang go feta. 

O tlhalositse gape gore go amogetswe dipego tsa tshenyo ya leruo mo masimong le diphologolo tsa naga di le makgolo a mabedi le masome a mabedi le botlhano.

A re go ne ga a swa dihutshane di le lekgolo le masome a mabedi le botlhano, dikgomo di le masome a mane le bobedi mme tshenyo ya dijwalo yone e le selekanyo sa ditema di le masome a mane le boraro.

A re go setse go dirisitswe dikete di le lesome le boraro, makgolo a le boferabobedi  le masome a mabedi le boferaboongwe a dipula go phimola balemi barui dikeledi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : KANYE

Event : Phuthego ya Khansele

Date : 18 May 2021