Go nonotsha dikgaolo potlana go ka nolofatsa ditirelo
17 May 2021
Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, o boletse fa go nonotsha dikgaolo potlana dingwe go tlaa dira gore ditirelo di akolwe bonolo.
Mo bokopanong le dikgosana tsa metse e e mo kgaolong potlana ya Serowe ka Labotlhano, Rre Autlwetse o kaile fa dikgaolo potlana kwa kgaolong ya Legare di laolwa go kwa Serowe, thulaganyo e e dirang gore ditirelo di nne motsopodia go fitlha kwa bathong.
A re fa dikhansele potlana di fiwa thata ya go itsamaisa le go itirela madi, go ka nna bobebe ka gore ditirelo di tlaabo di le gaufi le batho go na le go latela ditirelo kwa Serowe.
Rre Autlwetse o boletse fa mananeo a puso a le mantle mme go a diragatsa go le boima ka gore ditshwetso dingwe di tsewa kgakala.
A re go ntse go le turu fa khansele ya Legare e kopana kwa Serowe ka gore makhanselara ba kgaolo ya Legare ba phuthaganela kwa Serowe ba tsaya nako e e telele mme go lope madi a mantsi.
Rre Autlwetse a re se se tshwanetse go dirwa ka bonako go lebilwe letlhoko la ditirelo kwa metseng ya magae.
O boletse fa madi a tlaa nna teng go simolola fa go setse go weditswe therisano le Batswana.
Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Baratiwa Mathoothe, o dumalane le mogopolo o, a re o botlhokwa ebile ga ba a bolo go lela ka kgang e.
Rre Mathoothe a re ditshenyegelo di tlaa fokotsega ka ditlamelo di tlaabo dile gaufi le batho.
A re go botlhokwa gore dikgaolo potlana di fiwe dithata tsa go itsamaisa ka gore di ka nna le sebaka sa go itirela madi.
Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Serowe, Rre Lesedi Phuthego, a re o eletsa go ka simololwa ka Serowe ka diofisi di setse di le teng.
Rre Phuthego o boletse fa khansele potlana ya Serowe e ntse e sokola ka diofisi ebile ba nna kgakala le ofisi ya ga molaodi.
A re fa diofisi di nna gaufi go dira tiro bonolo thata.
Dikgosana tse di neng di tsene phuthego di amogetse mogopolo ka bongwefela jwa pelo, ba re metse e e kgakala e tlaa bona ditirelo le ditshwetso di tlaa tsewa segautshwane.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba sa wele gore a madi ga a na go nna bothata go simolodisa go godisa dikgaolo potlana le gore a tshenyetso setshaba ga e na go ya magoletsa ka Setswana se re mashi ke tswa thobeng ke le phepa, selabe se tla le motsaya kgamelo mme ebile sengwe le sengwe sena le dikgwetlho fa se simolola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Bokopano jwa dikgosana
Date : 17 May 2021