Ba rotloediwa go dira dijo tsa leruo
17 May 2021
Balemi kwa Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go itirela dijo tsa leruo.
Mogolwane wa dipatlisiso, boranyane le boitseanape kwa lephateng la temo thuo, Rre Seboko Molatlhegi, a re kgaolo eo e amogela pula ee boutsana, ka jalo e tshabelelwa ke leuba.
O buile jalo ka Labotlhano fa balemi barui ba Kisa ba ne ba rutwa go itirela furu.
Rre Molatlhegi a re go botlhokwa go somarela masalela a thobo, mme a dirisiwe go dira dijo tsa leruo go fokotsa ditshenyegelo tsa go reka dijo tseo.
Rre Molatlhegi a re furu e dirwa ka go tswakanya letlhaka la mmidi, lablab, bojang jwa nappier fa bo sa ntse bo le metsi, molasses le bopi jwa mabele, mme motswako wa teng o silwe.
Rre Molatlhegi a re furu e na le dikotla tse dintsi tse di ka thusang leruo go nna le boleng le go ntsha mashi a mantsi.
E re ka kgaolo ya Kgalagadi e le boremelelo jwa thuo, Rre Molatlhegi a re seemo seo se gwetlha barui go ema ka dinao, go tswa ka maano a go tlamela leruo.
“Seo gape se ka ba thusa go ntsha dihutshane tse di kgatlhisang ka jaana matlhabelo a tsone a solofetswe go wediwa mo bogaufing,” ga tlhalosa Rre Molatlhegi.
A re fa balemi ba ka ema ka dinao ba ka thusa puso go fokotsa madi a a dirisiwang go reka dijo kwa mafatsheng a sele. Ka jalo o rotloeditse banni ba Kgalagadi go inaakanya le thuo ya dikgomo tsa mashi le go lema dijo tsa leruo.
Mogolwane wa lephata la temo thuo kwa Kgalagadi, Mme Hilda Motsipa, o akgoletse banni ba kgaolo e, go lemoga bomosola jwa temo le leruo ka jalo ba rulaganya thuto ee lebaganyeng le go tlhabolola mohama o.
Mme Motsipa a re puso e leka ka bojotlhe go tlhabolola balemi barui go itepatepanya le seemo sa tlhaelo ya dijo mo lefatsheng leno, ka jalo e ba thusa ka mananeo a farologanyeng go ntsha dijo tse di lekanang go jewa mo gae le go rekisetswa mafatshe a mangwe.
A re ka lenaneo la LIMID, puso e thusa balemi-barui ba ba ikopantseng ka didirisiwa go itirela furu. Mme Motsipa a re kitso ya go itirela dijo tsa loruo e botlhokwa, ka e thusa barui go fokotsa ditshenyegelo tsa go reka dijo tsa leruo.
Kgosi Matshidiso Babeile wa motse wa Kisa seemo sa kgaolo ya Kgalagadi, sa dipuo tse di boutsana se ba butse matlho, ka jalo ba dira sepe se ba ka se kgonang gore leuro la bone le seka la motwa ke leuba. Kgosi Babeile a re metlha ga se ya maloba ka jalo ba tshwanelwa ke go lemela kgwebo go na le jela mo ganong, a tlatsa ka gore go dira jalo go ka thusa go tokafatsa matshelo a bone ka kakaretso.
Mongwe wa balemi, Mme Ngwanakhumo Kelehile are go botlhokwa go fetola ka fa ba tshelang ka teng, mme dirisa temo-thuo go tokafatsa matshelo a bone. Mme Kelehile are sepe se se salang morago ga thobo se tshwanetse sa somarelwa mme se dirisiwe go dira dijo tsa leruo.
A re barui ba latlhegelwa ke leruo ka dipalo tse di kwa godimo, mme ka mabaka a go tlhaelelwa ke dijo.
Mme Kelehile are dijo tsa leruo di turu, ka jalo bangwe barui ga ba na itsholelo e lekanyeng go di reka, ka jalo are go botlhokwa go itirela furu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KISA
Event : Ba rutwa go itirela furu
Date : 17 May 2021