Breaking News

Bagodi ba itumeletse dimpho

17 May 2021

 Bagodi ba metse ya Mabule, Tshidilamolomo, Kgoro le e e mabapi ba itumeletse dimpho tse ba neng ba di abelwa ka letsatsi la bomme.

Ba kaile se morago ga go etelwa le go abelwa dimpho di akaretsa dikobo le dijo ke Mme Manta Sekgororoane le lekgotla la borre la kgaolo ya Borolong bosheng.

Mo potsolotsong, Mme Sekgororoane o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go etela le go tlhola bagolo ka ba nna fela mo malwapeng, bogolo jang fa go na le mediro mo metseng, a tlatsa ka gore go dira jalo ke go supa lerato mo go bone.

Bagolo ba ne ba akaretsa ba ba dingwaga tse di masome a boferabongwe le go feta mo metseng e le borobabongwe, mme ba akgolelwa le go lebogelwa go bo ba godisitse setshaba le gone go ruta bana boikarabelo le maitseo.

Fa ba tswa a bone, bangwe ba ba bagolo ba ne ba lebogela dimpho tseo ba supa fa ba itumeletse go lemogiwa, selo se ba kaileng fa e le sesupo sa gore mowa wa lerato o santse o rena mo Botswana.

Modulasetilo wa lekgotla la borre, Moruti Kgopotso Motsumi, o ne a tlhalosa fa ba ne ba bona go le botlhokwa go etela bagolo a kaya fa ba lebalwa bontsi jwa sebaka.

O tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go lomaganya setshaba le go tsisa boitumelo le lerato kwa Borolong.

O tlhalositse gape fa go bo ba ne ba tlhola batsadi mo metseng e farologanyeng go tlaa tsisa le tshegofatso mo metseng.

O kaile fa ba solofela fa se se tlaa nna tiro ya ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka gore ba tlaa tswelela ka go rotloetsa Mme Sekgororoane ka tiro e ntle e a e dirileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GOOD HOPE

Event : Posolotso

Date : 17 May 2021