Breaking News

Kotsi e bolaya bana ba le babedi

17 May 2021

Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa kotsi ya tsela e e gapileng matshelo a bana ba le babedi kgwedi eno e le malatsi a le lesome le bone.

Fa a bua mo potsolotsong maabane, mookamela mapodisi a District No.12, Senior Superintendent Lesole Mosimane, a re kotsi e diragaletse mo tseleng ya A1 kwa Mosaditshwene ka nako ya masome a mararo morago ga boferabobedi bosigo.

Senior Supt Mosimane o tlhalositse fa koloi ya modiro wa Fortuner e ne e tswa bokone e tsamaela kwa borwa e na le bapagami ba le bane, bana ba le bararo le rraabo wa dingwaga tse masome mararo le bone.

A re ditlhotlhomiso di supa fa koloi eo e ne ya thula kgomo mme ya re morago mokgweetsi a fologa koloi ka bana a leka go ba falotsa mme ga tla teraka e e neng ya ba thula.

Senior Supt Mosimane a re bana ba basimane ba le babedi, wa dingwaga di le lesome le bobedi le wa dingwaga diferabongwe, ba ne ba tlhokafalela gone foo.

O tlhalositse fa wa mosetsana wa dingwaga diferabobedi le rraagwe ba bone dikgobalo mme ba robaditswe kwa kokelong.

A re mokgweetsi wa teraka ke rre wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro.

O kaile fa rre yoo a santse a tshegeditswe ke mapodisi go thusa ka ditlhotlhomiso, a tlhalosa fa a tlaa lebisiwa molato wa go baka dintsho.

A re rre yoo o tlaa itshupa fa pele ga kgotla tshekelo mo bo gautshwaneng, a kaya fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

O rotloeditse bakgweetsi go ikitsa go tsaya mesepele ya bosigo a bo a rotloetsa gape gore bakgweetsi ba ele tlhoko leruo mo tseleng ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Mochudi

Event : Posolotso

Date : 17 May 2021