Dikgosi di amogela mogopolo
16 May 2021
Boeteledipele jwa kgaolo ya Mmadinare bo supile fa mogopolo wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae wa go kabakanya ditiro o tlaa thusa go tlhabolola kgaolo ya Mmadinare.
Mo phuthegong ee neng e buisiwa ke Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele, kwa Mmadinare bosheng, Kgosi Maureen Mphoen wa Mmadinare a re go isa ditlamelo gautshwane le batho gomka thusa go tlhabolola matshelo.
O tlhalositse fa banni ba Mmadinare ba sokola go tsaya ditlamelo kwa Bobonong ka go le kgakala ebile go tura.
A re Selebi Phikwe o gaufi thata le Mmadinare mme o bona go le bogole gore morafe o tlole Selebi Phikwe go ya Bobonong.
Kgosi Mphoen a re Mmadinare o godile, ka jalo o siametswe ke go ka nna khansele e e ikemetseng.
Kgosi Boago Monnawapula wa Mogapi o ne a kopa puso go fefosa go tsenya molao o mo tirisong fa o sena go feta kwa palamenteng.
A re kgaolo ya Mmadinare e ntse e sokola ka gore e kgaogane ka dikhansele, a tlhalosa fa metse ya Tamasane, Kgagodi, Diloro, Mogapinyana le Mogapi di le ka fa tlase ga khansele potlana ya Palapye fa e mengwe e le ka fa tlase ga ya Bobonong.
A re kgaolo e e kgaogane gabedi ka jalo makhanselara a yone ga a kgone go bua ka lentswe le le lengwefela.
Mo godimo ga se, a re madi aa fiwang dikhansele a mannye fela thata mme se se dire gore kgaolo ya Mmadinare e salele kwa morago ka ditlhabololo.
A re dikgotla di tlhoka go baakanngwa le go rekelwa ditilo le ditafole tse di sha, a re tse di teng di onetse.
Fa a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, a re go boammaaruri gore kgaolo ya gagwe e saletse kwa morago, ka jalo mogopolo o tlaa isiwang fa pele ga palamente wa go ithola ditiro go di isa kwa dikhanseleng o tlaa thusa go tlhabolola matshelo a batho ba kgaolo eo.
A re o eletsa gore kgaolo ya gagwe le yone e akole ditlamelo tse di fiwang ke khansele e e ikemetseng.
Fa a tswa la gagwe, Rre Modukanele a re maikaelelo magolo ke go tlhabolola matshelo a Batswana le go fa dikhansele dithata tsa go tsamaisa ditirelo tsa bone sentle ba sa kgorelediwe ke sepe.
A re se se ka thusa Batswana go akola ditlhabololo sentle le go rarabolola dikgwetlho mo nakong e khutshwane.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MMADINARE
Event : Phuthego Ya Morero
Date : 16 May 2021