Breaking News

Mokhanselara ga a ipone tsapa

16 May 2021

 Mokhanselara wa Tshikinyega kwa kgaolong ya Mahalapye East, Rre Orelebile Baatweng, a re ga a na go ipona tsapa go thusa ope fela yo o tlhokang kwa kgaolong ya gagwe.

Rre Baatweng o buile seo bosheng fa a ne a abela Rre Bashi Ramokgosana  kolotsana ya ba-na-le-bogole kwa  kgotleng ya Tshikinyega.

A re o tswa kgakala ka ditiro tsa bopelo tlhomogi, a supa fa a ne a dira ditiro tseo le ka nako ya fa a ne a santse a le mo komiting ya ditlhabololo tsa motse.

A re o ne a kopa dikhamphane go mo thusa, mme ka maswabi tsa seka tsa mo tswa thuso, ka jalo a kopa thuso mo Facebook, mme Rre Bokang Randisa wa Gaborone a ithaopela go thusa ka kolotsana eo.

Mokhanselara Baatweng o kopile batsalwa le Rre Ramokgosana go tlhokomela kolotsana eo, a supa fa e ka dirisiwa lebaka  fa e tlhokomelwa.

Kgosi ya Bokaa kwa Mahalapye, Kgosi Mpho Rathipana, o ne a lebogela se mokhanselara a se dirileng, mme a solofetsa fa le ene a tlaa tsenya letsogo ka jaana a bereka le ngwana wa lelwapa leo.

Kgosi Rathipana a re ene le ba kgotla ya gagwe ba tsamaya ba tlhola morafe mo motseng, a tlatsa ka gore bosheng ba ne ba tswa go thusa go phepafatsa lelwapa lengwe.

Mme Monkgogi Molotlhanyi, yo e leng ntsalae Rre Ramokgosana, o ne a lebogela mpho, a supa fa Rre Ramokgosana a ne a nna fela ka ntlo a sa kgone go ya gope.

Rre Ramokgosana, yo dingwaga di masome a marataro, o ne a kopa mokhanselara go latedisa dituelo tsa gagwe kwa a neng a bereka teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : MAHALAPYE

Event : Kabo Dimpho

Date : 16 May 2021