Breaking News

Therisano ke konokono

16 May 2021

 Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, a re Botswana o agetswe mo motheong wa therisano.

Rre Autlwetse o boletse se mo phuthegong ee faphegileng ya khansele ya Sowa bosheng.

A re seo ga se a tshwanela go fetoga, ka jalo baeteledipele ba tshwanetse go lekodisana le morafe go isa lefatshe kwa pele.

O boletse fa a le mo thomong ya puso go tsaya megopolo kana go rerisanya le Batswana mabapi le mogopolo wa go neela dikgaolo potlana dithata.

Rre Autlwetse a re mo molaong oo, dikgaolo potlana di tlaa neelwa dithata gore di godisiwe di kgone go itseela ditshwetso le go itirela madi.

Ratoropo wa Sowa, Rre Olifant Mfa, o supile fa ditlhabololo di le boutsana kwa Sowa.

Rre Mfa o ne a amogela mogopolo wa go phatlalatsa dithata, a re dikgaolo dingwe di tswa kgakala di imelwa ke ditiro ka di thusa dikgaolo-potlana tse dintsi.

Makhanselara a mangwe le one a ne a atla mogopolo o, ba re seo se tlaa thusa go atumetsa ditirelo kwa bathong.

Mokhanselara wa Sowa, Rre Ntebalang John, o ne a kopa gore Sowa e sekasekwe gape go bona gore ga e a lebaganwa ke lenaneo la RASA a bolela fa batho ba sokola go bona ditlamelo jaaka ditirelo tsa banka le tse dingwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : SOWA

Event : Therisanyo

Date : 16 May 2021