COVID-19 e kgoreletsa maikaelelo a puso
16 May 2021
Mothusa Tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re segajaja sa COVID-19 se kgoreletsa maikaelelo a puso a go godisa le go tswakanya itsholelo.
A re COVID-19 e na le ditlamorago tse di sa itumediseng jaaka go gapa matshelo a batho ba ba nang le seabe se se nonofileng mo itsholelong.
Re Lelatisitswe o buile se bosheng kwa Tsabong, Bokspits le Werda kwa kgaolong ya Kgalgadi mo leotong lwa gagwe go lekola ditirelo tsa Lephata la Botsogo le Boitekanelo.
A re leoeto leo le sala morago kopo e dirilweng ke mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre Sam Brooks, yo a neng a supa fa a sa jeswe diwelang ke seemo sa ditlamelo tsa botsogo le boitekanelo kwa kgaolong eo.
Rre Lelatisitswe a re morago ga go kanoka dikago tsa kokelo ya Tsabong, le ene jaaka banni ba supa, o lemogile fa se tlhoka go ntshafadiwa ka se sa le se agilwe bogologolo.
Fa a kgwa dikgaba badiri ba kokelo e, Rre Lelatisitswe a re o lemoga matshwenyego a gore ga ba itumedisiwe ke seemo se ba berekelang mo go sone, ka jalo baeteledipele ba tlaa ya go sekaseka ka fa ba ka thusang ka teng.
Moeteledipele wa kokelo eo, Rre Thato Sarona, a re ba tlhaelelwa ke dingaka, baoki le badiri ba bangwe go itepatepanya le dikgang tsotlhe tse di amang botsogo le boitekanelo jwa setshaba.
Rre Sarona a re kokelo e na le malao a balwetse ka kakaretso a le masome a mararo le boraro, a baimana a roba bobedi le a mo lefelong le le haphegileng la balwetse ba kgotlholo e tona a le matlhano.
Le fa go ntse jalo a re ditlamelo tseo di hekeediwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa balwetse ba ba tlhokang go robadiwa gore ba fiwe kalafi ee tshwanetseng.
A re kgwetlho e nngwe ke tlhaelo ya dikoloi tse di rwalang balwetse, seemo se se dirang gore mo mabakeng mangwe balwetse ba diege go romelwa kwa dikokelong tse di nang le ditlamelo tse di kwa godingwana jaaka Princess Marina kwa Gaborone.
Rre Sarona a re sengwe se se kgoreletsang ke gore lebala la difofane kwa Tsabong ga lena dipone, ka jalo seemo seo se kgoreletsa tsamaiso ya go fofisa ka bofefo balwetse ba ba gateletsweng fa go le bosigo.
O tsweletse a re kokelwana ya Seetelo kwao Tsabong e thusa go fa setshaba ditirelo tse dingwe tsa botsogo go fokotsa mosuke kwa kokelong.
Le fa go ntse jalo, Rre Sarona a re mo nakong eno kokelwana eo e itebagantse le go tshegetsa balwetse ba COVID-19 ba ba gateletsweng.
Moemedi wa babereki ba botsogo ba kokelo ya Tsabong Rre Dikeme Masisi, a re bontsi jwa badiri ba na le lebaka ba berekela mo lefelong le le lengwe, fa ba bangwe ba lela ka go tlhoka go thatlosiwa maemo.
Rre Masisi a re mabaka ao, a ka kotlometsa maikutlo a badiri bangwe ka jalo go ame maduo a tiro ya bone.
A re sengwe se se tshwenyang ke tiego ya go kaba diphatlha tsa babereki ba ba fudugileng ka tiro go ya go direla kwa mafelo a mangwe kana ba tlogetse tiro ka bogodi.
O kopile mothusa tona go tsibogela matshwenyego a bone, mme a re le fa go ntse jalo ba itlamile go tswelela ba ntsha maduo mo tirong.
Modulasetilo wa khansele potlana ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiw, o gateletse gore kokelo ya Tsabong e tlhoka go agwa sesha gore e kgone go ntsha ditlamelo tsa botsogo tse di kgonang go kgotsofatsa banni ba kgaolo ya Kgalagadi.
Rre Baitsiwe a re dikokelwana tsa kgaolo eo le tsone di tlhaelelwa ke baoki.
O gateletse gore botsogo ke konokono mo botshelong.
O lebogetse leeto la ga mothusa tona, a re le tsisa tsholofelo ya gore dikgwetlho tse di amang botsogo le boitekanelo mo kgaolong eo, di tla bona tlharabololo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Leoto La Tekolo
Date : 16 May 2021