Breaking News

Balemi ba Motshegaletau ba tlaa ora molelo wa mariga

16 May 2021

Go supagala gore balemi barui kwa masimong aa bapileng le Motshegaletau kwa kgaolong ya Legare ba tlaa ora molelo wa mariga.

Mongwe wa balemi barui ba, Mme Olebile Keitirile wa dingwaga tse di masome marataro le bone, o boletse fa pula e ntsi e dirile gore ba lemele moragong.

O boletse fa ba ne ba lema mmidi, dinawa le mabele, mme mmidi wa nna montsi thata mo o mongwe o neng wa omelela mo masimong.

A re ba lemile mmidi o mohibidu o ba o rekileng kwa Serowe. 

Mme Keitirile a re lemme ga le bolae ka gore molelo wa mariga ba tla o ora ka thobo ya mmidi e e nametsang.

A re o solofetse gore mmidi o ba o robileng o dire dijo tse dintsi, ka ba tsile go thuga ba ntsha boupi jwa phaletshe, setampa, meale rice le kabu.

O ne a bolela fa a solofetse go bona go bona kgetsi ya dinawa, mme mabele a bolela fa ba tlhakaladitswe ke nonyane ya thaga.

Mme Keitirile a re ba setse ba roba mabele a mangwe a le tala fela ka ba bona gore ba ka tswa ba iphotlhere fa ba ka diega. 

A re ba tshwenngwa gape ke leruo le le sa tlhokomelweng, mme le tlhagela mo masimong a bone.

Mme Keitumele Tekanyetso ene a boletse gore thaga e ba apesitse kobo ka letshoba.

Mme Tekanyetso a re setotojane le sone se ne sa ipha maatla ka go tlhasela dijwalo tsa bone.

Mo mabeleng a re ba bone gore ba a robe fela a ise a wele ka gore ba ka tla ba di gamela mo mokgokoloseng, fa ba ka re ba ema.

Ba lemile lebele le gotweng Phala le le hibitswana le le ratwang bo be ke dinonyane.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : MOTSHEGALETAU

Event : Tekodiso

Date : 16 May 2021