Dibete o tlhoka ditlamelo tse di haphegileng
16 May 2021
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, a re Dibete o tshwanetse go nna le ditlamelo tse di faphegileng ka jaana a le fa gare ga lefatshe gape a le mo thoko ga tsela ya A1.
A re tsela ya A1 e dirisiwa ke matshwititshwiti a batsamai ka dinako tsotlhe,.
Rre Lesaso o buile jalo mo diphuthegong le baeteledipele ba metse ya Dibete le Poloka ka bosheng.
A re fa kokelwana ya Dibete e ka nna le ditlamelo tsa thuso ya potlako go tlaa bo go le molemo ka go ka thusa botlhe ba ba amegang mo dikotsing tsa dikoloi mo tseleng ya A1.
A re seemo sa nako eno se a tshwenya ka gore ba ba gobetseng mo dikotsing tsa tsela ba thusiwa kwa Mahalapye, mme go le sekgala.
Rre Lesaso a re fa kokelwana ya Dibete e okeleditswe ditlamelo go akaretswa tsa pelegi, e tlaa thusa ka bofefo bomme ba ba itsholofetseng go tswa mo motseng e mabapi ya Mokgenene le Poloka.
A re seemo sa nako eno se a tshwenya ka gore ba tsamaya sekgala ba latela thuso kwa Mahalapye.
O tsweletse a supa gape gore fa tsela ya Dibete/Otse e ka tlhabololwa le yone e ka emolola tsela ya A1 morwalo.
Rre Lesaso a re fa tsela ya Dibete/Otse e ka tokafadiwa ka go tshelwa sekontere, bakgweetsi ba ba tsamaelang kwa Shoshong ba ka fapoga tsela ya A1, ba ralala Dibete go na le go ya go tsena ka Mahalapye.
Fa a le kwa Poloka, Rre Lesaso o solofeditse banni ba motse oo fa a tlaa sala morago kgang ya go gokela motlakase.
O supile gore mo nakong eno, metse e mebedi ya Poloka le Mokgenene ke yone fela e sa gokelwang motlakase mo kgaolong ya botlhophi ya Shoshong.
A re motlakase o ka thusa go tlhabolola thuto ya bana ka jaana go tla nna le tiriso ya maranyane.
Mo mafokong a gagwe a go amogela mopalamente, Kgosi Lekgathanye Mabua wa Dibete o kopile gore go tsenngwe dipone mo motseng, segolo bogolo mo maemelong a dipalamo.
Kgosi Mabua a re ka paka ya mariga e gorogile go nna lefifi ka bonako mme dipalamo tsone di sokodisa.
Kgosi Mabua o kopile gape gore go gokelwe motlakase kwa kampeng ya kgwediso ka seatla ya Dibete.
A re tiro ya go gwedisa ka seatla e dirwa thata mo mosong, ka jalo go tlhokega motlakase go fokotsa go berekela mo lefifing la mo mosong.
O supile gape gore ditsela tse di mo motseng di mo seemong se se sa jeseng diwelang.
Kgosi Moatlhodi Selathwe wa Poloka ene a re ditlhabololo di boutsana mo motseng wa gagwe, a tlatsa ka gore tse di leng teng ke tsa seemo se se kwa tlase.
A re go na le matlwana a boiteketso a sa berekeng mo kgotleng le kwa sekolong se se potlana.
Kgosi Selathwe a re go botlhokwa gore makalana a dithuso jaaka CEDA a etele Poloka go tlhatlhelela morafe ka ditirelo tsa one.
A re go botlhokwa gore morafe o itse ka mananeo le ditirelo tse dingwe tsa puso.
Mogokgo wa sekole se se potlana sa Tirelo kwa Dibete, Mme Koketso Ntwayagae a re ba na le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya ditafole.
Le fa go ntse jalo, Mme Ntwayagae a re bana ba ba neng ba kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa ngogola, ba dirile ditso.
A re fa e sa le sekolo seo se bulwa ka ngwaga wa 1985, e ne e le la ntlha se nna le dialogane tse di tsereng maemo a ntlha (grade A) ba le lesome le bongwe, mme ka kakaretso sekolo sa pasa ka masome a marataro le botlhano mo lekgolong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : DIBETE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 16 May 2021