Breaking News

Badiri ba Security Services ba thukuthilwe

13 May 2021

Mapodisi a Maun a kopa setshaba go ba thusa mo letsholong la go batla borre ba ba thukuthileng badiri bangwe ba Security Services madi a a fetang P169 000 ka mafelo a beke.

Mookamela mapodisi ao, Superintendent Chenamo Orateng o ikuetse jalo mo potsolotsong a tlhalosa fa tiragalo eo e diragetse mo maitsebong a Matlhatso ka nako ya boratato kwa Old Mall mo Maun.

A re badiri ba le babedi ba Security Services ba ne ba eme fa madirelong a banka ya ABSA ba tsenya madi ao mo  motshineng mme ka bomadimabe dirukutlhi tseo tsa ba tlhasela mme ba kgona go ba thukutha madi a ba neng ba a tshotse otlhe.

Badiri bao ba ne ba goroga ka ba ne ba tlhotse ba tsaya madi a dikgwebo ka go farologana kwa Shakawe, Gumare le Sehithwa mme ba tlhaselwa jalo ke dirukutlhi tseo tse go boletsweng fa di ne di ipapanne ka sengwe se se belaesegang e le tlhobolo.

A re morago ga go tsaya madi, dilalome tseo di ne tsa tsena ka lenga la seloko. 

Superintendent Orateng a re go kailwe fa dilalome tseo di ne di tsamaya ka koloi ya modiro wa Runx mme a ikuela mo setshabeng go tshwaragana le mapodisi mo patlong ya bone.

Superintendent Orateng o gwetlhile badiri ba ditirelo tsa itshireletso go nna podi matseba fa ba tshwere madi ka jaana borukutlhi bo kgona go diragala gongwe le gongwe nako nngwe le nngwe. Ends

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 13 May 2021