Thibelo boikarabelo jwa botlhe
13 May 2021
Kgosi Raphel Mmipi wa Metsimotlhabe a re ga a itumedidiswe ke go bona bangwe banni ba tsweletse ka go inaakanya le ditiro tse di ka rotloetsang kanamo ya mogare wa corona.
Kgosi Mmipi o buile jalo jaaka fa ba lekalana la botsogo la District Health management Team (DHMT) ba ne ba etetse motse oo ka Mosupologo go tsweledisa thulaganyo ya mokento o o thibelang kanamo ya mogare wa corona.
A re modumo wa diletso go tswa mo mafelong mangwe gone mo motseng oo, o supa fa batho ba santse ba kokoana ba itirela maitiso e bile go supa fa ba itshiela nnotagi phetelela.
O supile fa modumo o utlwala fela le fa nako ya kiletso mesepele e fetile, a re se se mo tlhobaetsang ke gore fa batho ba kokoaneng teng e bile ba itshiela go thata gore melawana ya COVID-19 ya itshereletso e ka salwa morago.
Kgosi Mmipi a re go tlhoka go fetola maitsholo go tlaa tswelela go busetsa morago maiteko a puso e a dirang tebang le go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.
Kgosi Mmipi o ne gape a supa fa a sa itumedisiwe ke go bona bangwe ba tsweletse ka go atisa mokgwa wa go latlha dipipa molomo le nko tse di dirisitsweng ka tsela e e sa babalesegang.
A re mokgwa oo o tlaa tswelela se baya matshelo a bangwe ga mmogo le leruo mo diphatseng, ka jaana dipipa molomo le nko tseo di latlhelwa fela mo mebileng e bontsi jwa batho bo fetang ka yone kgapetsakgapetsa.
Go sale foo, Kgosi Mmipi o gakolotse banni ba metsana le meraka e e mo tikologong ya Metsimotlhabe go wela dibete.
A re ba nne ka tsholofelo ya gore le bone ba tlaa fiwa thuso e e maleba tebang le go amogela mokento.
A re bangwe banni ba mafelo ao ba supile ketsaetsego, ba bile ba rwala masigo ka tlhogo go tla Metsimotlhabe go bona thuso.
Kgosi Mmipi a re ba lekalana la botsogo ba nna ba dira thulaganyo ya go gorosa ditlamelo tsa botsogo gone kwa mafelong ao a a kgakala le ditlamelo gangwe le gape.
A re tsholofelo ke gore thulaganyo eo e tlaa tswelela e dirwa gore mokento o goroge kwa go bone ntle le go tsamaya sekgala go o latela.
Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa baoki go tswa kwa DHMT Mme Beryln Kalayamore o gakolotse ka botlhokwa jwa go tsweledisa melawana ya itshereletso e e akaretsang go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a molora, go katolgana le go ipipa molomo le nko ka dinako tsotlhe.
A re go fiwa mokento ga go rebole gore melwawana eo e ka emisiwa go salwa morago jaaka bangwe ba batla go dira. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Mayepedza
Location : Gaborone
Event : Mokento
Date : 13 May 2021