Lephata le tlaa tokafatsa ditirelo
11 May 2021
Lephata la Ditswammung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo, le Tlhomamiso tsa Kgotetso le tsweletse ka go batla tharabololo ya sennelaruri e e tlaa emisang mathata a kgaogo le tlhaelo ya motlakase kwa Mochudi Botlhaba.
Tona Lefoko Moagi o buile jaana bosheng, fa a ile go lekodisa banni ba metse ya Mochudi Botlhaba e e akaretsang Mabalane, Sikwane, Ramonaka, Mmathubudukwane, Malolwane, Oliphant le Ramotlabaki ka seemo se.
Phuthego eo, e tla jaana morago ga gore mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Mabuse Pule a kope Tona Moagi go tla go lekodisa banni ka seemo sa motlakase, morago ga dingongora tse dintsi mabapi le kgaogo, tlhaelo le phatlalatso ya motlakase kwa kgaolong eo.
Rre Moagi a re metse eo e dirisa motlakase wa Eskom go tswa kwa Afrika Borwa, ka jalo fa Eskom e nna le bothata, seo se ama ditirelo tsa motlakase mo kgaolong eo yotlhe.
Tona Moagi o tlhalositse gore fa go nna le thulaganyo ya go kgaola motlakase ka kwa Afrika Borwa, go diragala fela ntle le go itsese lephata la gagwe go sale pele.
Rre Moagi yo gape e leng Mopalamente wa Ramotswa a re kgang ke gore fa go nna le bothata mo mafaratlhatlheng a kgokelo ya motlakase kwa lefatsheng leo, banni ba Botlhaba ba a amega.
A re lephata la gagwe le tlaa loga maano a sennelaruri go fedisa bothata ka go tlhoma mafaratlhatlha a a tlaa kgonang go phatlalatsa motlakase o o lekaneng mo kgaolong eo kwa Sikwane.
A re selekanyo sa motlakase o o tlaa ntshiwang ke mafaratlhatlha ao, se tlaa kgona go emelelana le bokete jwa tiriso ya one.
Tona Moagi a re lephata le rulagantse le ba Eskom gore fa go nna le kgaogo, ba itsise ba Botswana Power Corporation (BPC) gore banni ba tsibosiwe go sale nako.
Rre Moagi o tsweletse ka go lekodisa banni fa lephata le itse ka dipale tsa motlakase tse di onetseng, le gore di tlaa emisediwa ka tsa semente gore di tshwarelele lebaka le leleele.
A re BPC e tlaa tswelela ka go nna e tlhatlhoba fa go nang le diphoso mo phatlalatsong ya motlakase teng go tlhomamisa gore kgaogo ya motlakase e a fokotsega.
Tona Moagi o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba metse eo gore lephata le itse sentle gore ba itshetsa ka dikgwebo tse dipotlana, ka jalo motlakase o botlhokwa mo go bone.
Mo go tse dingwe o ba rotloeditse go iphetlhela motlakase ka didirisiwa di tshwana le boloko le marang a letsatsi.
Mopalamente Pule o boletse fa kgaolo eo e tlhorontshiwa bobe ke ditirelo tsa motlakase tse di bokoa le gore dikgwebo tsa banni di amegile thata, bogolo jang mo nakong ya gompieno e bolwetse COVID-19 bo amileng dikgwebo-potlana ka bontsi.
“Ke bone go le botlhokwa gore ke laletse Tona Moagi ka jaana mafoko a le matlhong, gore le tle le mo ikutlwele,” ga tlhalosa Rre Pule. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 May 2021