Moetelediepele o tshwanetse go nna sekao- Kgari III
11 May 2021
Kgosi Kgari III wa Bakwena a re tiro ya boetelepele e tlhoka boineelo, lorato le bopelotelele go thusa go sala morago maitlamo a go direla morafe ka boammaaruri.
Kgosi kgolo o ne a gakololola jalo a kgothatsa Moruti Luke Ramaeba morago ga go tlhomamisiwa go nna moruti wa kereke ya Human Christian Church ka Tshipi.
A re tiro ya boeteledipele, ke pitso e mo go yone motho a tsayang boikarabelo ka go nna sekao le go dira maitlamo a go direla morafe ka tekatekanyo, gore a kgone go bona tlotla e e maleba.
“O nne boikanyego, lorato, le go dira le phuthego ka tekatekanyo le tlotlo gore go seka ga nna thata go amogela tlotlo e e maleba mo go ba o ba gogang, ,” kgosi kgolo a gakolola.
O ne a rotloetsa phuthego go ema moruti nokeng ka go mo gakolola, a re e seka ya nna baraedi ba gagwe gore thomo ya gagwe e nne bonolo.
A re o tshepha fa tsela e moruti Ramaeba a yang go e tsamaya e tlaa nna ya go direla setshaba ka boammaruri, go sena boikgogomoso le go tla go batla mahumo a iphitlhile ka leina la Modimo.
Moruti o kopilwe go nna boammaruri mo thomong ya go etelela phuthego ya kereke pele, go thusa go bopa setshaba se se farafarilweng ke dikgwetlho di akaretsa botlhoka tsebe jwa bana.
Mafoko a tlhomamiso a ne a bewa Moruti Ramaeba pele ke mookamedi wa kereke ya Human Christian Church, Moruti Dimpho Kegomoditswe, ka go itebaganya le molaetsa o o boitshepo wa ga Timoteo wa ntlha temana ya boraro, o o neng o ofa bokaedi ka se se solofelwang mo moeteleding pele jwa tlhomamo.
Dingwe tsa dintlha tse molaetsa di ne di laela moruti go dira a le sekao, ka go itse fa boeteledipele bongwe le bongwe,bo tlhongwa ke Modimo, ka jalo a nopola dintlha di akaretsa go itse fa motlhala wa tse di solofelwang mo go ene, di supiwa ke tsamaiso ya lelwapa, go thusa go fa bokao jwa se se solofelwang mo go ene.
Moruti Kegomoditswe o bile a kgothatsa Moruti Ramaeba gore e re ntswa a tlhaloganya fa tiro nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone, a dikgwetlho e nne thuto e e ka thusang go betla tsela, mme e seka ya nna seipato sa go latlhegelwa ke tsela mo thomong ya gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Moletlo
Date : 11 May 2021