Breaking News

Mohumagadi wa Barolong o a latolwa

11 May 2021

Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong o latotse mmaagwe e bong mohumagadi Alinah Montshioa. 

Kgosi Lotlaamoreng II o tlhalositse mo potsolotsong ka Mosupologo gore mohumagadi Montshioa o tlhokafaletse kwa bookelong jwa Good Hope ka Matlhatso, morago ga go kubugelwa ke bolwetse. 

A re le fa Barolong le Batswana ka kakaretso ba latlhegetswe ke motsadi, ba gomotsege ka se se diragetseng e le thato ya Modimo.

Kgosi Lotlaamoreng II o kaile Mohumagadi Montshioa e ne e le motho yo o tlhaga, a rata go dira ditiro tse di farologanyeng le morafe le go inaakanya le temo thuo. 

Mongwe wa magosi mo kgotleng kgolo ya Barolong, Kgosi Mooketsi Marumola a re loso lwa Mohumagadi Montshioa ke tatlhegelo e tona mo morafeng wa Barolong. 

O mo kaile fa e ne e le ene seikokotlelo sa morafe.  

Kgosi Morumola a re le ntswa e ne e le mohumagadi, o ne a sa ipone tsapa go etela masimo a gagwe ka nako tsa go tlhagola le yone thobo tota ka gore o ne a sa rate go direlwa.  

O tsweletse a tlhalosa gore dithulaganyo tsa phitlho ga di ise di dirwe ka gore ba santse ba emetse bagolo le masika go tswa kwa Afrika Borwa. 

Mohumagadi Montshioa o belegwe Motsheganong e tlhola malatasi a le mabedi ka 1952.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Good Hope

Event : Potsolotso

Date : 11 May 2021