Breaking News

Banana ba rekisa dithoto gaufi le maamogelelo

10 May 2021

 Banana bangwe ba Makopong kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba itshetsa ka go rekisa dithoto tsa bone gaufi le bagodi ka nako ya dikamogelo go tila manokonoko a COVID-19 le letlhoko la ditiro.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA ka Labotlhano, mongwe wa banana bao, Mme Botshelo Molemoge wa dingwaga tse di masome mararo le bone o tlhalositse fa letlhoko la ditiro le le lentsi mme e bile go tlhagoga ga COVID-19 go ba amile fela thata.

E re ka maano a sa site, Mme Molemoge a re o ne a simolola go itshetsa ka go rua le go rekisa dikoko tsa nama, mme ka go batlela dikoko tsa gagwe mmaraka go le bokete mo nakong ya gompieno,  kgwedi le kgwedi fa bagodi ba motse oo ba amogela o ya gaufi le bone gore a ba rekisetse ka bogautshwane.

O tlhalositse gore fa bagodi ba amogela mo motseng wa bone, kgwebo ya gagwe ya dikoko e nna le theko e e nametsang ka a rekisetsa gaufi le fa ba amogelelang teng. 

A re le ntswa kamogelo e ya bagodi e tsisa dipoelo fela thata mo kgwebong ya gagwe, go na le bangwe ba e reng fa ba sena go amogela ba palelwe ke go mo duela.

Monana yo mongwe, Rre Peter Magogwane, yo o rekisang mmidi gaufi le fa bagodi ba amogelelang teng, o ne a kaya fa e le la ntlha a tla go rekisa mmidi o o apeilweng le o o sa butswang mme le ene fela jaaka Mme Molemoge o fitlhetse theko e le e e nametsang.

Rre Magogwane  a re o bone go le botlhokwa go ya go rekisa thobo ya gagwe gaufi le bagodi ka bontsi ba sena tokololo mme go tsamaya sekgala se se leele ba ya marekisetsong go ka ba sokodisa.

O tlhalositse gore ka a sa bereke, o itemogetse gore ka nako ya fa bagodi ba amogela o nna le dipoelo tse di nametsang. 

A re se se a solofetsa fela thata ka e bile o ikaelela go tokafatsa temo ya gagwe mo isagong.

Fa a tswa la gagwe, mogodi mo Makopong, Mme Kaobitsa Thumpe ene a re o lebogela banana bao go tla gaufi le bone ka ga ba sa tlhole ba na le thata ya go tsamaela kgakala. 

Mme Thumpe a re selo seo ke thotloetso ya banana le tlotla e ba nang le yone mo bagoding. 

O tlhalosa gape gore seo se a ba thusa ka gore ga ba sa tlhole ba bona sentle mme fa dithoto di le gaufi le bone go ba kgaolela mosepele ka ditlamelo di phatlaletse le motse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Makopong

Event : Potsolotso

Date : 10 May 2021