Mapodisi a Werda tlhotlhomisa loso lwa monna
10 May 2021
Mapodisi a Werda a tshegeditse monna mongwe wa Draaihoek wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi go ba thusa ka ditlhotlhomiso morago ga gore monna mongwe a tlhokafale malatsinyana ba sena go lwa kwa Kokotsha.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia a re go bonala fa go kile ga nna le ntwa gareng ga banna boo-babedi, sebe sa phiri e le gore monnamogolo wa dingwaga tse di masome a marataro le bobedi o ne a kolota mmelaelwa dipudi.
Go bolelwa fa e rile Moranang a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone monnamogolo yoo, yo go bolelwang fa e le ngaka ya setso kwa Werda, a lelediwa ke banna bangwe ba ba neng ba ipaya jaaka e kete ba tsisa molwetse gore a ba thuse.
Superintendent Ramatsia a re borre bao ba ne ba kopanela le monnamogolo yoo fa pele ga mabentlele kwa Kokotsha mme go utlwala fa go ne ga nna le ntwa magareng ga bone, a tlatsa ka go re morago mongwe yo o neng a bogetse tiragalo eo o ne a leletsa mapodisi.
O tlhalositse gore lepodisi le ne la ba tsaya mme la ba isa fa ofising ya sepodisi mme ka nako eo monnamogolo fa a rola kgang o tlhalositse fela gore borre bao ba mo tseetse mogala wa letheka ka mabaka a gore o a ba kolota mme a kopa gore ba o mmusetse.
Le fa go ntse jalo ka nako eo, o ne a seka a bolelela lepodisi gore o iteilwe.
Monnamogolo yoo, yo o tlholegang kwa Bobonong mme a nna ko Werda, o ne a ipolela fa a tlaa duela sekoloto seo.
E re kgang e santse e eme jalo, go bolelwa fa monnamogolo yoo a ne a kile a ya kokelong kwa Werda moragonyana mme go lebega dikgobalo di ne di se kalo a bo a fiwa dipilisi.
Rre yoo o tlhokafetse Motsheganong a tlhola malatsi a mane mo lwapeng.
Morago ga foo mapodisi ba longwa tsebe ke mongwe wa lesika kwa Lobatse yo o tlhalositseng gore pele ga moswi a tlhokafala o boleletse ba a neng a na le bone gore o iteilwe mme o na le botlhoko mo mpeng.
Morago ga go begelwa kgang eo, mapodisi ba ne ba tsibogela go tshwara Rre yoo wa Draaihoek go ba thusa ka ditlhotlhomiso.
Mo nakong ya gompieno, Superintendent Ramatsia a re moswi o isitswe kwa kokelong ya Princess Marina kwa Gaborone go tlhatlhojwa ke dingaka go bona se se ka tswang se bakile loso.
Mmelaelwa ene o ipegile fa pele ga lekgotla la ditsheko kwa Tsabong ka Labotlhano ka molato wa polao mme ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse.
O tlhalositse gore fa tlhatlhobo ya ba bongaka e ka supa gore matsadi ao ke a ntwa, molato jaanong o tlaa fetoga go nna wa polao ya motho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Werda
Event : Potsolotso
Date : 10 May 2021