Breaking News

Lekgotla le akgolelwa popagano

10 May 2021

Maloko a lekgotla la dikereke la Shoshong a akgoletswe mowa o ba o supileng wa popagago mo go lwantsheng dikgwetlho tse di lebaneng lefatshe ka go kopanela thapelo.

Fa a bua kwa merapelong e e neng e rulagantswe ke lekgotla leo kwa kgotleng ya Shoshong bosheng, Mopalamentse wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o tlhalositse gore puso e ka fenya ntwa kgatlhanong le malwetse a HIV/AIDS le COVID-19 fa makgotla a tshwana le la dikereke a eme ka dinao go rapela ka tshwaragano.

“Ke rotloetsa le baruti botlhe gore ba kopane, ba dirisane ka gore seabe sa bone se setona mo setshabeng. 

Baruti ke bone ba ba ka kgonang go kgalema le go aga setshaba. 

Ka jalo, re tlhokana le baruti go etelela pele mo go thuseng go kokobetsa maikutlo a setshaba, ka a kokobaditswe ke malwetse a,” ga bua Rre Lesaso.

Mo mafokong a gagwe a thero, Moruti wa Anglican kwa Mahalapye, Rev. Kealeboga Lekoba o gakolotse setshaba go tswelela ka go baya tshepo le tumelo ya bone mo Modimong, a gatelela gore ‘mathata mangwe le mangwe a tlhoka tharabololo e ntsha’.

“Go fenya mathata a re lebaganeng le one a, re tshwanetse ra boela kwa Modimong re le dikereke, ra kopanela thapelo. 

Go lwantsha dikgwetlho go tlhoka kagiso ya dikereke, ka gone go kopanela thapelo.

A re seka ra itshegetsa ka tumelo e e seng ya boammaaruri,” ga tlatsa Rev. Lekoba.

Fa a ntsha kgakololo ka ditsela tsa go ipabalela mo segajajeng sa HiIV/AIDS le sa COVID-19, Mooki wa kokelwana ya Shoshong, Rre Thatayaone Raditsebe o kopile setshaba go dira ka natla go itshireletsa mo malwetseng a, ka a sena kalafi.

Le ntswa malwetse a a sena kalafi, Rre Raditsebe o rotloeditse batho go ipabalela ka go sala morago melawana yotlhe e e beilweng ke ba botsogo go itshireletsa mo go tsenweng ke megare e e a bakang.

Mo godimo ga moo, a re dikokelwana tsotlhe tsa puso di fa dikgakololo tse di tletseng tsa itshireletso, ka jalo a rotloetsa setshaba go nna ba etela teng go tsaya ditlamelo le dikgakololo.

O rotloeditse gape le ba ba setseng ba tsenwe ke mogare wa HIV go tswelela ka go tsaya kalafi ka fa ba laetsweng ka teng ke ba botsogo, a gatelela gore go nna le mogare wa HIV ga se bofelo jwa botshelo.

Ka seemo sa COVID-19 kwa Shoshong, mooki o tlhalositse fa dikgang tse disha di tsweletse ka go nna teng kgwedi le kgwedi, ka jalo a kopa morafe go tswelela ka go obamela melawana ya botsogo ya go thibela kanamo ya corona.

Fa a lebogela merapelo e e neng gape e akaretsa go rapelela kagiso le seemo sa kgokgontsho ya bong mo lefatsheng, mokhanselara wa Shoshong Borwa, Rre Samuel Mphoyakgosi o supile boitumelo ka mowa wa popagano o o supilweng ke maloko a lekgotla la dikereke la Shoshong.

Mo go tse dingwe, Rre Mphoyakgosi o ne gape a kgala kgokgontsho ya bong, mme a kopa borre ba ba santseng ba kgokgontsha bomme le bana ba basetsana go ikaga sesha. Ends

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 May 2021