Breaking News

Modulasetilo wa pele o bolokilwe

09 May 2021

Dibui ka go farologana di supile fa modulasetilo wa pele wa khansele-potlana ya Serowe, Rre Modisakgotla Makwati a ne a le senatla, lepolotiki la motia, rakgwebo e bile a le lerato.

Ba buile jalo kwa phitlhong ya ga Rre Makwati ka Labotlhano kwa Serowe. 

Rre Makwati, mokhanselara wa pele wa kgaolwana ya Serowe South Central wa phathi ya Botswana Democratic Party (BDP), o tlhokafetse a le dingwaga di le masome matlhano le borobabongwe kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo a sena go tsenwa ke bolwetse jwa COVID-19.

Molaetsa wa matshediso go tswa kwa go Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o supile fa Rre Makwati e ene e le mogwebi wa popota e bile e le senatla mo thuong, bogolo jang ya dihutshane le dikgomo e bile a itsege ka lerato la go rotloetsa baagi ba Serowe mo go tsenyeng letsogo mo kgolong ya thuo.

A re Rre Makwati o diretse banni ba Sunnyside e le moemedi mo khanseleng ya Legare a dira tiro e ka bopelotelele le lerato a bile a le tlhaga mo mererong ya tlhabololo matshelo a batho le motse wa Serowe, tiro e a e dirileng dingwaga di le lesome le botlhano a sa ipone tsapa.

Tautona Dr Masisi a re Rre Makwati e ne e le leloko la motia la BDP e bile o tlhokafala jalo e ne e le mothusa modulasetilo wa yone mo kgaolong ya Serowe Borwa gape e le modulasetilo wa kereke ya Spiritual Healing Church mo lefatsheng leno.

Dibui ka go farologana ba bontsi jwa bone e neng e le ditsala tsa ga Rre Makwati ba ne ba supa fa e ne e le motsadi, lepolotiki la motia, radikgwebo, modumedi, molemi- morui gape a rata go aba.

Ba supile fa Rre Makwati a ne a rata thuo ya dihutshane thata e bile a na le keletso ya go nna morui wa dipodi wa popota mo lefatsheng leno ka a ne a setse a gatetse pele mo go di rueng, bogolo jang tsa maemo a a kwa godimo.

Moemedi wa bana ba ga Rre Makwati, Mme Neelo Makwati a re rraagwe e ne e le motsadi yo o neng a na le karolo mo kgodisong ya bana ba gagwe e bile ba ka seka ba tlhoka sepe gape a na le therisanyo.

A re  rraagwe o ne a ba ruta pharologanyo fa gare ga molemo le bosula ka a ne a ka seka a ba tlogela fa a ya kerekeng mme ba lebogela seo.

Moemedi wa Kaaka Farmers Association Mme Sinikiwe Masalila o ne a supa fa Rre Makwati a ne a ba rotloetsa e le barui ba dipolase tsa Kaaka gore ba dire komiti e e itebagantseng le tiro e ba e dirang ya go rua e bile gape a e rotloetsa ka megopolo.

A re Rre Makwati o ne a na le tebelopele ka a ne a eletsa gore barui ba tswelele pele e bile a na le keletso ya gore ba rekise leruo la bone palabalo le go le supa fa go na le ditshupo.

Mme Masalila o supile fa mongwe le mongwe yo o amaneng le Rre Makwati a latlhegetswe ka a ne a ama ba a tshelang le ene ka ditiro tse dintsi tse di molemo.

Rre Makwati o tlogela mme mmaagwe, bomonnaawe ba banna ba le bararo, bokgaitsadie ba le bane, bana ba fera bobedi le bana ba bana ba supa.

Rre Makwati e ne e le modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe go simolola ka 2009 go fitlhelela ka 2012. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Phitlho

Date : 09 May 2021