Breaking News

Borukutlhi jwa go gweba ka nama bo a tshwenya

09 May 2021

Mookamela mapodisi a Tshane a re ba itemogela go oketsega ga mmaraka wa go gweba ka nama ya diphologolo tsa naga mo go seng ka fa molaong kwa Zutshwa.

Mo potsolotsong le BOPA, Superintendent Vusimuzi Jorowe o tlhalositse fa e ne ya re bosheng ba tshwara banna ba le bane ka digwapa tse go belaesegang e le tsa phologolo ya naga.

Supt. Jorowe o tlhalositse fa banna bao, ba ba thusa ka ditlhotlhomiso, mme digwapa tsone di isitswe kwa go ba boitseanape go tlhatlhojwa go bona gore ke digwapa tsa phologolo efe.

O tsweletse a tlhalosa fa borukutlhi jo, bo remeletse thata mo Zutshwa mme go na le matlhasedi a teng gape kwa Ngwatle.

Supt. Jorowe a re ba itemogetse gore diphologolo tse di melediwang mathe bobe ke phofu le kukama.

O ne a tlatsa ka go re se se ngomolang pelo ke gore ba itemogetse gape fa go na le bagwebi bangwe ba ba iponetseng boagedi mo mmarakeng oo, le ntswa o se ka fa ka fa molaong.

Ka jalo, Supt. Jorowe o ne a tsibosa setshaba go ikgapha mo mokgweng wa go tsoma ka nako e letsomo le sa bulelwang le yone le go reka nama mo mafelong a sephiri.

O ne a ba gwetlha go itshwaraganya le ba ofisi ya diphologolo makgabisa naga go kopa diteseletso tsa go tsoma, mme a supa fa badira molato bone ba tlaa tswelela ka go lelelwa ke ditshipi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 09 May 2021