Ba Mahalapye ba amogela mogopolo
09 May 2021
Boeteledipele jwa kgaolo-potlana ya Mahalapye bo amogetse, ka mowa o le mongwe, mogopolo wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae wa go fetola dikhansele-potlana go nna tse di tona tse di ikemetseng.
Fa a buisa baeteledipele ba kgaolo kwa kgotleng bosheng, mothusa tona, Rre Setlhabelo Modukanele o tlhalositse fa mo bokopanong jwa palamente ya mariga, Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le tlaa baya pele mapalamente molawana wa go fetola dikhansele tse di potlana go nna tse ditona.
Ka jalo, a re lephata le tsweletse ka go tshwara diphuthego go rerisana le go kopa megopolo mo boeteledipeleng jwa dikgaolo le dikhansele-potlana ka go farologana ka fa seemo sa dikhansele se ka tokafadiwang ka teng gore batho ba kgone go fiwa ditirelo sentle.
“Maikaelelo a mogopolo o ke go isa ditlamelo le ditirelo kwa Batswaneng ka bofefo jo bo letlelesegang go leka go tlhofofatsa le go tokafatsa matshelo a Batswana gongwe le gongwe kwa ba leng teng,” ga tlhalosa Rre Modukanele.
O ne a tlatsa ka go re ba dumela gore fa dikhansele di ka fiwa dithata, boikarabelo le letseno la go itseela ditshwetso ka ditiro tsa tsone fa di leng teng, go ka thusa go fefosa tsamaiso ya tsone.
A re keletso le tsholofelo ya lephata ke go bona ditshwetso tsa dikhansele di tswewa mo dikgaolong tse tiro e direlwang teng, go fedisa madiadia a a leng teng mo nakong ya gompieno gore ditirelo di isiwe kwa Batswaneng ka bofefo.
O ne gape a tlhalosa fa molawana oo o ya go itebaganya le gore ditlamelo le ditirelo di ya jang kwa bathong, a gatelela gore ga o ye go gotlhagotlhana gope le melelwane ya dikgaolo ka fa di ntseng ka teng.
“Re tlaa bo re itebagantse fela le gore ditirelo di ka ya jang kwa bathong mo seemong se re leng mo go sone, mo nakong ya gompieno, ka jaana re itemogela fa nako e gorogile ya go fetola le go neela dikhansele tse dipotlana dithata le boikarabelo jwa go itsamaisetsa ditiro di se ka fa tlase ga dikhansele tse ditona.”
Fa a ntsha la gagwe, Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o ne a lebogela mogopolo a bo a gatelela botlhokwa jwa one, a tlatsa ka go re khansele-potlana ya Mahalapye e akaretsa metse e feta masome a mane, ka jalo e lekane go fiwa marapo gore e ikemele ka nosi.
Rre Tshere a re go dira jalo go ka thusa go fefosa ditirelo le ditshwetso tsa ditlhabololo tsa kgaolo go itsa go romela batho kwa Serowe go bona ditirelo tse dingwe teng.
“Mogopolo o, o a itumedisa ka o tlaa fa khansele ya rona dithata le nonofo ya go nna le boikarabelo, gongwe le madi a tlaa oketsega gore re kgone go nna le ditlamelo tse di lekanetseng,” ga bua Rre Tshere.
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Rre Yandani Boko le ene o amogetse mogopolo, a supa fa o le montle, mme a kopa gore morago ga go bewa pele palamente, o fefogelwe go diragadiwa.
A re gore go diragadiwa ga mogopolo goatlege, lephata le tshwanetse la itshegela seelo le lenaneo le le tlhamaletseng la gore le ya go diragatsa eng leng go fitlhelela maikaelelo a mogopolo a atlega.
Fa a akgela, mothusa kgosi, Kgosi Tshipe Tshipe le ene o ne a gatelela fa khansele-potlana ya Mahalapye e tlamela metse e mentsi go feta dikhansele tse dingwe, ka jalo a re go botlhokwa gore e nne khansele e e ikemetseng.
Mo godimo ga moo, Kgosi Thsipe a re kgaolo-potlana ya Mahalapye ke yone e tona ka dipalo tsa batho mo ga Mmangwato, ka jalo a re e tshwanetse gore e fiwe dithata tsa go ikemela ka nosi.
Mo go la gagwe, modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi le ene o supile fa mogopolo wa go godisa dikhansele tse dipotlana o siame ka jaana ditshwetso di tlaa ragogelwa a bo ditirelo le ditlhabololo di diragadiwa mo nakong e khutshwane.
A re molawana o o tlaa fokotsa le ditshenyegelo tse di bakwang ke go diega go tsaya le go diragatsa ditshwetso tse di maleba ka ditlhabololo tsa dikgaolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 May 2021