Breaking News

Kgosi o kopa barapedi go lwantsha tlolo molao

09 May 2021

Kgosi wa Lentsweleau o kopile dikereke go rapelela kagiso le thitibalo tsa motse oo.

 O tlhalosa fa thitibalo le kagiso  di kgotletswe ke ditiragalo tsa bosheng tsa tsogologo ya setshaba morago ga go nyelela ga monna mongwe wa motse oo ka Mopitlo.

Kgosi Morulaganyi Makgasane o kopile jaana mo phuthegong ya bogogi jwa motse jo bo akaretsang baeteledipele ba dikereke.

O ne a kopa dikereke go rapelela motse oo e le maiteko a go leka go bepisa seemo le go busetsa serodumo sa motse wa gagwe, se a reng se leswafaditswe ke dikgang tse di timetsang tsa go dirisa maranyane botlhaswa.

Kgosi o ne a supa ka monwana batho bangwe ba ba anamisang dikgang ka tiriso ya maranyane, a kaya fa ba tlhotlheleditse mekubukubu go kgoreletsa maiteko a molao go thusa mo kgannyeng ya go timela le loso lwa ga Rre Tebogo Mokokong.

“A re feng ba sepodisi sebaka sa go dira tse di maleba ka go sala morago ditsela tsa go latedisa modi wa kgang ka ditlhotlhomiso tse di ka ba thusang go bona se se diragetseng,” ga gakolola Kgosi Makgasane.

O ne a tlhalosa fa ditiro dinwe tsa kgotla di amegile, mme e bile a sena tsholofelo ya gore seemo se ya go boela mannong mo lobakeng lo lo kae go lebilwe bogolo jwa tshenyo e e diragetseng, ka jalo a kopa morafe go nna pelotelele.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Lentsweletau Botlhaba, Rre Botokanyane Motoroko, le ene o ne a gatelela mafoko a ga kgosi ka tiriso botlhaswa ya maranyane a Facebook ke batho bangwe ba ba senang boikarbelo go leswafatsa serodumo sa motse wa Lentsweletau.

Rre Motoroko a re seemo se se tlhoka go tsibogelwa ka thuso ya barapedi ka e bile dingwe tsa dikgang tseo di thaiwa ke baphuthegi ba dikereke ka go anamisa dikgang tse ba ka se kgoneng go di arabela.

O gakolotse setshaba go dirisa maranyane sentle, go itsa go tswa setlhabelo fa molao wa Cybercrime o dirisiwa.

Mogolwane wa mapodisi a Molepolole le tikologo, Superintendent Motlhaba Ramaabywa, ene o kopile morafe go nna pelotelele.

A re ba neele ba sepodisi sebaka sa go tlhotlhomisa kgang ya loso lwa ga Rre Mokokong.

“Kgang fa e santse e le mo ditlhotlhomisong, go a bo go sena se rona re le ba sepodisi re ka se buang ka yone go fitlhelela re wetsa thulaganyo ya go latedisa motlhala wa tse di ka thusang go bona se se ka tswang se diragetse,” ga tlhalosa Superintendent Ramaabywa.

Mongwe wa baruti, Moruti Same Mothukhuthwa o ne a supa fa a belaela gore bothata jwa go tlhoka go fefogela kgang eo ga molao le bogogi jwa motse, go ka tswa go dirile gore setshaba se felele se tswa mo taolong, le mororo go ne go se maleba. 

Moruti Mothukhuthwa a re o dumela gore fa kgang e ne ya re kwa ntlheng ya tsibogelwa ka fa tshwanelong, seemo se ka bo se ne sa seka sa tswa mo taolong.

A re gongwe fa boeteledipele bo ka bo bo ne jwa bolotsa letsholo la patlo, go ka bo go ne ga neela setshaba tsholofelo ya gore maiteko a a dirwa go thusa batsadi mo patlong ya ngwana wa bone.

Motse wa Lentsweletau o ne wa tsogelwa ke dikgoberego ka Mopitlo fa morafe o o neng o jele magala o tlhasela dikago tsa puso o bo o baka tshenyo e kgolo ka go kgobotletsa ka matlapa dithoto le dikago di akaretsa diofisi le leobo la kgotla, ofisi ya mapodisi le dikoloi tsa maphata ao, dikgwebo tsa beng ga mmogo le go tshuba leobo la kgotla.

Seemo seo se ne se bakilwe ke go nyelela ga ga Rre Mokokong wa motse oo wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi, yo masalela a gagwe a neng a begwa Moranang a le masome mabedi mo godimo ga thaba ya Tlhatlaganyane e e fa gare motse wa Lentsweletau a akgega mo setlhareng. BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Lentsweletau

Event : Phuthego

Date : 09 May 2021