Pule o rotloetsa bojanala
09 May 2021
Mopalamente wa Mochudi Botlhaba Rre Mabuse Pule a re nngwe ya dikeletso tsa gagwe ke go bona bojanala bo gola mo kgaolong ka seo se ka tsenya madi le go tlhamela banana ditiro.
O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla kwa Ramotlabaki bosheng.
Rre Pule, yo gape e leng mothusa motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, a re metse e e tlwaelesegileng ka leina la Dinokeng e na le bokgoni jwa go ngoka bajanala ka e le mo letshitshing la noka.
Rre Pule o kopile banni ba Ramotlabaki go ikgapha mo ditirong tse di maswe jaaka go tlola molelwane e se ka fa molaong, a re se se baya matshelo a bone mo diphatseng.
O rotloeditse banni ba motse wa Ramotlabaki go tia moko mo temo-thuong.
Mo tekodisong ya ditlhabololo mo motseng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Edwin Tladi o kaile fa dikago tsa sekole se sebotlana sa Ramotlabaki di se ka fa seemong se se nametsang e bile di tshabelelwa ke bommamathwane.
A re mangwe a matshwenyego a ba nang le one ke letlhoko la matlo a bonno a barutabana le mapodisi,
Modulasetilo a re ga ba jesiwe diwelang ke boradikonteraka ba ba senang morero fa ba simolola ditirelo mo motseng.
O kopile boradikonteraka gore ba reke didirisiwa tsa kago jaaka motlhaba mo komiting ya ditlhabololo tsa motse, a tlhalosa fa se se ka thusa go tsenya letseno mo letloleng.
Fa a tswa la gagwe, mookamela mapodisi a Ramotlabaki, Superitendent Pontsho Kgotlafela a re go tloga kgwedi ya Mopitlo, ba gatisitse dikgang tsa batho ba ba tlolang molelwane e se ka fa molaong di le pedi, ba ba sa rwaleng dibipa melomo le nko di le nne le ba ba kokoanang e se ka fa molaong di le pedi.
A re ba gatisitse dikgang tsa batho ba ba sailang mo motseng ka nako e e sa letlelelweng di le lesome, ka jalo a rotloetsa banni go sala ditaelo tsa ba botsogo morago go fokotsa kanamo ya mogare wa corona. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Sandra Sethaiso
Location : Ramotlabaki
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 May 2021