Theko ya phane e boutsana
09 May 2021
Babapadi ba phane kwa kgaolong ya Legare ba re ntswa phane e ne e le ntsi monongwaga theko ya yone e kwa tlase fa ba tshwantshanya le paka tse di fetileng, selo se se bakilweng ke bolwetse jwa COVID-19.
Mo potsolotsong le BOPA mongwe wa babapadi ba phane go tswa kwa Serule, Mme Margie Toteng o supile fa phane monongwaga e ne e le ntsi mo a neng a bona dikgetsi di le masome mabedi le bone tse a di boneng ka go rekisa dilwana le go bapala.
O tlhalositse fa phane ya monongwaga e ne e le motlhofo go bapalwa mo ene le babapadi ba bangwe ba sa e tswela letsholo go e latela kwa mafelong a sele ka e ne e le gaufi le motse.
A re ba kgonne go e bapala ba bo ba tlogela e ntsi go dira peo, a tlhalosa gore se, se ne sa ba tlhofofaletsa go tlhokomela masimo ka ba ne ba lemile.
A re sebe sa phiri ke gore theko ya yone ga e sa tlhole e tshwana le ya nako e e fetileng pele ga mogare wa corona o tlhagoga.
A re le fa e bapetswe fela mo go kgotsofatsang, mathata ke go e rekisa, a tlhalosa fa bangwe ba digile le ditlhwatlhwa tsa yone gore e kgone go rekwa ka bonako.
Mme Gloria Nelson yo le ene a itshetsang ka go rekisa phane o supile fa seemo se sa tlhole se tshwana le sa dingwaga tse di fetileng, a supa fa phane e sa tlhole e ba sologela molemo thata.
A re dinako tsotlhe o ntse a rekisetsa phane ya gagwe mo thoko ga tsela ya Francistown-Gaborone mme a kgone go bona madi a a lekaneng go itshetsa le ba lelwapa la gagwe.
A re seemo sa gompieno se thata ka e sa tlhole e rekwa jaaka maloba.
Mme Nelson a re malobeng ba ne ba ikaegile thata ka bajanala ba ba neng ba fetela kwa bokone pele ga melelwane e tswalwa, mme mo nakong ya gompieno go le bohutsana ka seo se sa tlhole se diragala ka lebaka la kiletso mesepele.
O supile fa barekisi ba phane gompieno ba tletse gongwe le gongwe mme le ene a lela ka go digwa ga ditlhwathwa tsa yone, a supa fa se se digile boleng jwa yone.
Kgosi wa Serule, Kgosi Gothatamang Mudzingwa o supile fa bontsi jwa banni ba motse wa gagwe ba sa bereke mme ba itshetsa ka go rekisa.
A re mo nakong ya gompieno phane ga e sa tlhole e ba solegela molemo ka e sa tlhole e rekwa thata.
Kgosi Mudzingwa a re keletso ke go bona COVID-19 e nyeletse batho ba kgona go tsweledisa matshelo a bone a selegae ntleng le kgwetlho ya bolwetse.
Kgaolo ya Legare ke nngwe ya tse di segofaditsweng ka ditlhare tsa mophane tse di jewang thata ke seboko sa phane se se ratwang bobe ke bontsi.
Go ya ka maitemogelo, phane e nna ntsi ka nako ya dipula di nele thata mme e bapalwa ka dikgwedi tsa Morule le Moranang go tswa fela gore e tsetse go le kae.
Se se supagetse mo pakeng ya Moranang e e sa tswang go feta, ka pula e ne ya na ka bokete mme phane le yone ya thuba mo e neng ya fekeetsa le bone babapadi ba yone ka e ne e le gongwe le gongwe le kwa mafelong a e sa tlwaelesegang teng tota. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 09 May 2021