Mopalamente o aba diaparo
06 May 2021
Mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Dumelang Saleshando le mohumagadi wa gagwe, Dineo ba abetse banni ba Xaamute le Makgalo diaparo.
Rre Saleshando a re mogopolo wa go aba o simolodisitswe ke mohumagadi wa gagwe.
O boletse fa gantsi ba tsamaya botlhe go lekola banni mo kgaolong.
Ka jalo a re Mme Saleshando o ne a simolodisa lenaneo la go aba mme o ne a kopa diaparo mo ditsaleng le morafe ka kakaretso.
Fa a tswa la gagwe, Mme Saleshando o ne a tlhalosa fa e le boammaruri a gwetlhilwe ke seemo sa botshelo mo dikgaolong dingwe tsa Maun Bophirma mme a simolodisa lenaneo la go aba fa a kgonang teng.
O lebogetse botlhe ba ba dirileng gore lenaneo la gagwe le atlege.
A re go a itumedisa ka jaana Batswana ba sa ntse ba tshwere ngwao ya go thusana.
Mme Saleshando o ne a rolela dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse dimpho tseo a re ba tlaa dikgaoganya banni ba lebile letlhoko la bone.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Xaamute, Rre Boi Kentshitshwe, o ne a lebogela mpho eo.
A re Mme Saleshando o supile fa e le ruri mosadi e le thari ya setshaba.
E re dikgang di eme jalo, banni ba metse eo ba ne ba itela mo go mopalamanete ba re ba jewa ntsoma ke bareki ba dikgomo ba ba rekang ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase e mme ba bo ba rekisetsa matlhabelo ka ditlhatlhwa tse di kwa godimo.
Ba re bareki ba dikgomo ba ba gakaletsa lehuma ka jaana botshelo jwa bone bo ikaegile ka thuo ya kgomo le temo.
Mo temong, ba re ditlou di ba bofile mabogo ka jaana di ba senyetsa fa ba ipeela ditema.
Banni ba ne ba ikuela gape ka go tlhoka ditlankana tsa dijarata ba re ga ba kgone go akola mananeo a puso sentle.
Ba re ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng fela le le lone le hirang batho ba ba felelang mo seatleng mme ba kopa go okelediwa dipalo.
Kgosi Keamogetse Mokhiwa wa Makgalo ene o ne a kgala kgang ya go bitsa banni bo maipaafela a re ga go a siama ka jaana bangwe ba sale ba ntse mo mafelong. BOPA
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : XAAMUTE
Event : Kabo-dimpho
Date : 06 May 2021