Letsholathebe o tlhagisa banni ka magatwe a mokento
06 May 2021
Mopalamente wa Tati Botlhaba, Dr Douglas Letsholathebe o gakolotse banni ba kgaolo ya gagwe go itlhokomolosa dikgang tse di senang nnete mabapi le mekento ya COVID-19
O buile se bosheng mo diphuthego tsa kgotla kwa Themashanga, Tshesebe, Mowana, Senyawe le Butale.
A re magatwe a a umakiwang tebang le mokento oo ke ditsia badimo tse ba sa tshwanelang go di tsaya tsia ka di ka ba itaya tsebe mme ba felela ba tshaba go kentiwa.
Dr Letsholathebe, yo gape eleng tona wa Thuto e Kgolwane, Dipatlisiso, Boitseanape le Boranyane o tlhaloseditse banni fa puso e na le boikarabelo e bile e kgathala ka tshireletsego le botsogo jwa bone, ka jalo e ka seke ya ba leseletsa ba kentiwa ka mokento o o sa babalesegang.
O bile a tlhomamisa gore fa mekento e goroga mono, makalana a a lebaneng a nna le sebaka sa go e sekaseka go bona gore a e siame e bile e babalesegile go ka fiwa batho.
Dr Letsholathebe a re go tsaya mokento go ka boloka matshelo a batho ka o fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare le bogale jwa one, a tlatsa ka gore ba tshwanetse go tlhaloganya fa mo botshelong sengwe le sengwe se na le ditlamorago tsa sone.
Le fa go ntse jalo, a re go fiwa mokento ga go reye gore jaanong ba ka iteseletsa ba sa itshireletse, a ba gakolola go tswelela ba sala morago melawana yotlhe ya tsa botsogo, e e lekang go laola kanamo ya mogare wa corona.
O ne a leboga ba ba di gogang kwa pele mo ntweng kgatlhanong le COVID-19 jaaka baoki, ba itshireletso le ba bangwe, a bo gape a supa boitumelo jwa go bo bontsi jwa bodiredi jwa puso bo dira tiro ka botswapelo.
O ne a gatelela botlhokwa jwa gore setshaba se tlhomamise gore se neela bodiredi dipego tsa boamaruri fa ba kopa thuso gore ba thusiwe ntle le tiego epe.
Dr Letsholathebe o ne a kopa maitshwarelo mo boemong jwa puso tebang le tiego ya go tsisiwa ga mokento, a kaya fa madiadia a bakwa ke go bo e rekwa kwa mafatsheng a sele a le one a tlhasetsweng ke segajaja se.
Ka jalo, o supile fa seemo se se tshwanelwa ke go bula lefatshe leno matlho gore le dirise le go rotloetsa dikitso le dithutego tsa go dira ditshekatsheko tse di ka thusang gore le itirele melemo mengwe m.
Rre Letsholathebe a re dikitso le dithutego tseo di ka nowa moro le gone go isa lefatshe leno golo gongwe le go fokotsa go ikaega mo mafatsheng a sele.
Fa a ama dingwe tsa ditlhabololo, mopalamente o boleletse banni fa kgang ya go dirwa ga tsela ya Tshesebe-Masunga e santse e le kwa makgotla tshekelong.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Senyawe, Rre William Tatose le ene o ne a tshela mmu magatwe a go sa babalesega ga mokento, a tlhalosa fa mo tikologong e e sa tswang go wela ya go kentiwa ga bagodi ba dingwaga tse di masome a supa le botlhano, go sa nna le ope yo o supilweng bothata mo kgaolwaneng ya gagwe.
Mo tekodisong ya gagwe, mogolwane wa dikokelo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Habana Jorosi, o ne a tlhalosa fa ba kgonne go kenta bagodi ba le 1 233, mme ga ba kgona go fitlhelela botlhe ka ntlha ya go tlhaela ga mokento o ba neng ba o filwe.
Mme Jorori a re ba eme sentle go tsweledisa leoeto leo fa mokento o goroga. O ne a tlhagisa banni itshireletsa mo bolwetseng. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : THEMASHANGA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 May 2021