Mosadi o arabela leso la lesea
06 May 2021
Mapodisi a Tonota a tshegeditse mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le bobedi mabapi le leso la mosetsanyana wa dingwaga tse nne.
Mookamela mapodisi a Tonota, Superintendent Oteng Ngada, o tlhalositse gore go belaelwa fa Mpho Tebogo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Tholo kwa Tonota, a ne a itaaganya tlhogo ya ngwana le lebotana, selo se se ka tswang se bakile dikgobalo tse di bolaileng mosetsanyana yo.
Go ya ka mapodisi, mmelaelwa e ne e le mokapelo wa ga rraagwe ngwana yo, mme baagisanyi ba supa fa e ne e se lekgetlho la ntlha a keteka ngwana fa rraagwe a le kwa tirong.
Supt Ngada a re rraagwe ngwana o ne a tlhalosediwa ka fa tiragalo e diragetseng ka teng gore bosupi bo seka jwa tlhakatlhakanngwa ka na jwa fetolwa ke mmelaelwa yo o neng a itshupa fa pele ga ga mmakaseterata kgwedi e e fetileng e le masome a mabedi le boherabobedi.
A re mmelaelwa o tla a itshupa gape fa pele ga ga mmakaseterata kgwedi eno e le lesome le bone.
Supt Ngada o tlhalositse gore moagisanyi o ne a leletsa rragwe ngwana yoo neng a goroga moragonyana mme a fitlhela ngwana a idibetse mme a ragosediwa kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa a ileng a tlhomamisiwa fa a tlhokafetse.
Supt Ngada a re ditlhotlhomiso ka se se ka tswang se bakile leso di dirilwe ka Labotlhano yoo fetileng mme maduo a santse a letilwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 06 May 2021