Breaking News

Go botlhokwa go isa ditirelo kwa setshabeng

06 May 2021

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele, a re go isa ditirelo kwa bathong go ka fokotsa matshwenyego.

Mothusa tona o buile se fa a buisa baeteledipele ba metse ya kgaolo ya Shoshong ka Labobedi.

Rre Modukanele a re mo palamenteng e e latelang, lephata le tlaa isa molao kakanyetso wa gore dikhansele di kgone go tsaya ditshwetso ka jaana e le tsone tse di gaufi le batho.

A re kgang kgolo ke gore ditlamelo di isiwa jang kwa setshabeng, ka jalo ga se maikaelelo a bone gore ba gotlhagotlhane le maphata a a setseng a le teng.

A re go le gantsi fa tshwetso e tsewa gaufi, e nna le boleng gape e kgona go sologela ba ba neng ba na le ngongorego mosola, go na le fa e tsewa kgakala.

Mothusa Tona Modukanele o supile gore lephata le tsamaya lefatshe ka bophara le rerisa setshaba ka mogopolo o, gore e re fa o ya palamenteng, Batswana ba  bo ba o itse.

Fa a tsibogela pego ya ga mothusa tona, Kgosi Gofaone Khukhwane wa Kodibeleng,  o ne a lebogela tekodiso e, a re seo ke karabo ya selelo sa bone ka gore ba tswa kgakala ba lela ka go tsaya ditlamelo kwa Mahalapye.

Kgosi Khukhwane a re mogopolo o tlaa thusa le go imolola Mahalapye morwalo. 

Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Shoshong, Rre Aubrey Lesaso, o kopile gore kgaolo ya Shoshong e ikemele ka nosi.

 A re kgaolo eo e tona ka e akaretsa metse e mentsi le dipolase mme batho ba yone ba bona ditlamelo bokgakala kwa Mahalapye.

Rre Lesaso o tlhalositse fa ba ipaakantse mo Shoshong gore go nne le dikago tsa rural admistration centre.

O ne a tlhalosa fa batho ba kgaolo eo ba latela ditlamelo kwa Mahalapye mme go le kgakala le bone ka jaana go na le batho ba ba nnang kwa dipolaseng tse di kgakala, mme e bile go nna turu mo go bone.

Rre Lesaso a re fa lenaneo le, le ka atlega, banana ba kgaolo ya Shoshong ba ka bona ditiro ka jaana ditlhabololo di tlaa bo di tla mo kgaolong ya bone.

O kopile mothusa tona gore fa lenaneo le le ka atlega, go nne le tona yo a tlaa bong a lebagane le go bona gore tiro ya go nna jalo e tsamaya sentle ka fa tshwanelong, a supa gore fa go sa dirwe dilo sentle, lenaneo leo le tlaa bo le sa sologele banni molemo.

Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi, a re fa khansele e  neetswe thata ya go tsaya ditshwetso, go nna motlhofo gore e ka tsaya ditshwetso dife e lebile letlhoko la metse.

Rre Merementsi o supile gore ba tlaa dira  go le gontsi ka madi a ba a neelwang mme tiro eo e tlaa dirwa ka botlalo.

 

Kgosi Felix Kgamane wa Shoshong o ne a lebogela leeto la ga Mothusa Tona Modukanele, a supa gore bosheng go ne go tsile Mothusa Tautona, mme seo ke sekao sa gore motse wa bone o tla nna le ditlhabololo. BOPA

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : SHOSHONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 May 2021