Breaking News

Masimo a Kgoro a tlaa gokelwa motlakase

06 May 2021

Mogakaganyi wa lenaneo la ISPAAD, Rre Kwenantle Gaseitsiwe, o tlhaloseditse banni ba Kgoro kwa kgaolong ya Borolong gore puso e tlaa gokela motlakase mo masimong a bone. 

Rre Gaseitsiwe o buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi. 

O tlhalositse gore e re ka jaana ba setse ba bone madi a tiro eo, kgokelo eo ya motlakase e tlaa dirwa ka kgwedi ya Phatwe, a tlatsa ka gore tlhabololo eo e tlaa thusa ka go tlhama ditiro le go dira dikoporase tsa dijo tsa leruo. 

O tlhalositse fa e rile lenaneo la go agelela masimo le simolola, masimo ao ya nna mangwe a a neng a akarediwa ka jaana kgaolo ya Borolong e itsege thata ka go ntsha dijo mo masimong. 

O tlhalositse gore e re ka lenaneo la ISPAAD le na le dingwaga di le lesome le ntse le dirisiwa, nako e tsile ya gore le tlhabololwe, ke ka moo ba tsereng tshwetso ya go gokela motlakase le go tlhabolola ditsela. 

A re e re le ntswa tiro ya go ntsha ditlhare kwa masimong e le bonya, tiro eo e tlaa wela ka jaana maikaelelo e le go netefatsa gore masimo ao go ntshiwa dijo tsedi thata.  O tsweletse ka gore e tlaare mo nakong e khutshwane motlakase le metsi di bo di tsena mme tsholofelo e le gore balemi ba masimo ao ba tlaa ikitaya ka thupana go netefatsa gore ba ntsha dijo. 

Rre Gaseitsiwe o kopile ba ba ba sa kgoneng kana ba ise ba batle go lema gore ba seka ba tshaba go adimana masimo a bone mogo ba ba batlang go gweba ka one. 

O tlhalositse fa seo seka thusa beng ba masimo ka letseno lego itsa gore di tshimo di tloge di tlhoge mohero le ditlhare gape. 

 

Le fa go ntse jalo banni ba ne ba farologana ka maikutlo ka jaana bangwe ba ne ba le bete se molangwana ka thulaganyo eo fa ba bangwe nne ba sena mathata le yone, mme kwa bokhutlong ba ne ba atla mogopolo oo mme bare ba solofela fa goya ko pele lefatshe la bone le tlaabo le babalesegile. BOPA

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : KGORO

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 06 May 2021