Breaking News

Banni ba Khudumelapye ba atla dimpho

06 May 2021

Barui ba Khudumelapye le masimo a Magagarape kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba abetsweng dihutshane ba kgothaditswe go tlhokomela dimpho tseo.

Fa a aba dimpho mo boemong jwa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ka Laboraro, Mopalamenete wa Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a supa fa Tautona a simolotse ka go aba diphoko di le masome a matlhano le bosupa, mme a ne a abela kgaolo ya gagwe diphoko tse nne le phelehu tse pedi. 

Rre Leuwe a re o solofela fa ba ba abetsweng ba tlaa tsaya dimpho tseo ka lerato.

Mopalamenete a re o tlaa tswelela a kopela batho ba kgaolo ya gagwe dimpho.

O supile fa mo bogaufing a tlaa bo a abela bana ba ba gaisitseng ba bangwe dipoo kwa dikoleng tsa Mahupu kwa Takatokwane le sa Lempu kwa Salajwe e le bontlha bongwe jwa go ba rotloetsa.

Kgosi Tuelo Ramokobetwane wa Khudumelepye o ne a supa fa ba itumeletse go abiwa ga phoko.

A re ba leboga Tautona Masisi go bo a rotloetsa Batswana go rua dihutshane e le kgwebo, a supa fa Batswana ba ne ba tlwaetse go rua dihutshane go di ja.

 Morui wa wa Khudumelapye Mme Mmameki Kgalaeng o ne a re o ne a eletsa go bona Tautona a mo abetse phoko, mme a supa fa a itumetse ka jaana keletso ya gagwe e diragetse. 

O tlhalositse fa a tlaa tlhokomela phoko e a e abetsweng thata.

Barui ba setlhopha sa Mabogodika kwa masimong a Magagarape ba eleng badiri ba sekole se segolwane sa Mphuthe, le bone fela ba ne ba abelwa phelehu.

Modulasetilo wa setlhopha seo, Rre Tidimalo Maeletso, o ne a supa fa ba ne ba tlhama setlhopha sa Mabogodika, ba sena go lemoga fa go na le barui mo go bone. 

O supile fa ba ne ba le masome a mabedi le bongwe, mme ba bangwe ba setse ba goga maoto.

Rre Maeletso o ne a supa gore ba ne ba koleketse dihutshane di le masome a mabedi le bongwe, mme ka ba santse ba ithuta, dingwe di ne tsa a swa mme ba sala ka di se kae. 

O supile fa ba ne ba seka ba kgobega marapo, mme ba tsweletse a bo a supa fa ba itumelela gore mopalamente o ba abela phelehu ya bobedi morago ga gore e a neng a e ba abetse pele e swe.

Modulasetilo o ne a supa fa ba ikaelela gore ba godise mokgatlho wa bone gore kwa bofelong o aname le Botswana otlhe.

Mogokgo wa Mphuthe, Rre Monty Maifala, o ne a a supa fa ba itumeletse se badiri ka ene ba se dirileng, a supa fa a tsamaile le dikgaolo tse dintsi mme a ise a bone badiri ba ikopantse go rua kana ba dira sengwe.

O ba kgothaditse gore ba itse fa ba tlaa kopana le dikgwetlho mme ba seka ba kgobega marapo. 

 

Mogokgo o ba gakolotse gore ba itumele ka ba engwe nokeng ke batsadi ba ba abelang, a bo a ba kopa go dirisa sebaka seo go gola mo thuong. BOPA

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo-dimpho

Date : 06 May 2021