Breaking News

Molaodi o gakolola setshaba go tlhokomela bana

05 May 2021

Molaodi wa kgaolo ya Bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego, o kopile setshaba go tlhokomela bana gore ba se tshamekele mo dinokeng.

Mo potsolotsong bosheng, molaodi o boletse gore fa pula ee neleng bosheng e dirile gore metsi a oketsege fela thata mo dinokeng bogolo jang kwa kgaolong ya Bokone Bophirima e a e okametseng.

Ka jalo a re batsadi ba beye bana leitho ka bangwe ba rata go tshameka le go thuma mo metsing mme seo se ka nna borai ka ba ka nwela kgotsa go gobatswa ke diphologolo tsa metsi.

Fa a tlhalosa ka seemo sa merwalela ngwaga ono, Rre Leipego o ne a supa fa ba ise ba amogele dipego dipe tse di tsibosang ka seemo seo.

 

Noka ya Okavango e amogela metsi go tswa kwa lefatsheng la Angola ngwaga le ngwaga mme fa metsi a le mantsi kgaolo ya Bokone Bophirima e amiwa ke merwalela. Le fa gontse jalo, Rre Leipego a re khamphane ya metsi e bereka le tsa mafatshe a Angola le Namibia go baya leitlho seemo sa metsi a noka. BOPA

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 05 May 2021