Breaking News

Lenyora ga le robatse Molepolole

06 May 2021

 Banni ba Molepolole ba buile ba sa kgale mathe ka seemo sa metsi se se sa jeseng diwelang.

Ba ntshitse dingongorego ka khamphane ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC) mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng.

Banni ba re ba bolawa ke lenyora, ba tlatsa ka gore ba kgona go fetsa dibeke kgotsa dikgwedi tse pedi ba sa bone thothi.

Bangwe ba ne ba bua fa ditanka tse di beilweng mo mafelong a a farologanyeng di na le lebaka di sa tshelwe metsi.

Go ya ka banni, ba patelesega go rwala masigo ka tlhogo ka gore ke nako e metsi a bong a tswa sentle, mme se se ba baya mo diphatsheng ka ba ka tlhaselwa ke dirukhutlhi.

Seemo sa letlhoko la metsi go bolelwa se bakile tiego ya ditlhabololo, ebile bangwe ba palelwa ke go tlhabolola ditsha tsa bone.

E rile fa a araba matshwenyego a bone, mogolwane go tswa WUC, Rre Lopang Seporo, a tlhalosa fa puso e na le mananeo a a farologanyeng a go emisa letlhoko la metsi.

O boletse fa mo bogaufing ba tlaa tlhopha khamphane e e tlaa tsayang metsi go tswa Gamononyane, mme pompo ya teng e tlaa fetela kwa kampeng ya sesole ya Thebephatshwa.

Lenaneo leo, le le tlaa dirwang ka P700 million, go solofetswe gore le simolole ka kgwedi ya Seetebosigo mme le wele Sedimonthole ngwaga o o tlang.

Rre Lopang o boletse fa mo nakong eno, a Molepolole le Thebephatshwa di nosiwa ke didiba tsa Malwelwe, Gaotlhobogwe le Suping tse mo nakong eno metsi a tsone a ileng kwa tlase mme tiriso ya metsi yone e oketsegile ka lebaka la go gola ga dipalo tsa batho.

O boletse fa batho ba Molepolole ba tlhoka dilithara tsa metsi di le di dikadikse di lesome le bobedi, mme didiba di ntsha di dikadike di robabongwe.

Mo nakong eno, didiba tseo di tlaa tlhabololwa gore di ntshe metsi a mantsi.

Rre Lopang o tlhalositse fa ba na le dikoloi tsa megobagoba di le nne tse di dirisiwang go tshela metsi mo ditankeng, mme mo go tsone go na le ee tona mme yone e tshela metsi fela kwa kokelong ya Scottish Livingstone.

A re lenaneo le lengwe ke gore go agiwe tanka e nngwe ya metsi a selekanyo sa 20 million litres.

O tsweletse a re go na le lenaneo le lengwe la go baakanya phatlalatso ya metsi mo motseng, ka mo nakong eno go lebega go na le dikgaolo tse metsi a sa gorogeng ko go tsone.

 

A re lenaneo leo le akaretsa go agiwa ga dipompo tsa kgopho ya metsi a a leswe. BOPA

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego

Date : 06 May 2021