Breaking News

Banni ba Khwee ba lela ka mosuke

05 May 2021

Banni ba Khwee kwa kgaolong ya Boteti Botlhaba ba boletse fa segajaja sa COVID-19 se sa batle batho ba nna mo lwapeng le lengwe ba le mosuke ka seo se ka baka kanamo ya mogare ka bofefo.

Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng.

Mongwe wa banni, Rre Mothusi Molodi, o boletse fa batho ba santse ba nna ba le bantsi mo malwapeng selo se a boletseng se ka dira gore ba tshelane mogare.

O boletse fa lekgotla la kabo ditsha kwa Boteti le tsere nako e telele lesa bee batho ditsha. 

A re seo ka bosone se dira gore batho jaanong ba ipeye ditsha e se kafa molaong ka gore ba leka go obamela melawana ya botsogo go itshireletsa mo go tsenweng ke mogare wa corona.

Rre Molodi a re bontsi jwa batho bo hudugetse kwa Khwee ba pitaganya beng ba lefatshe la bone, a kaya fa batho ba Khwee ba ba senang ditsha ba se bantsi mo go ka dirang gore go tseye sebaka ba sa abelwe ditsha.

O boletse fa motse wa bone o dikaganyeditswe ke dipolase tse a bolelang di sa hiri. 

O kopile gore a ba rotloetswe go lema le rua mo dipolaseng tseo go na le go nna lefatshe fela basa dire sepe mo go lone.

Banni ba bangwe le bone ba kaile fa dipolase di ka hira batho fa nkabo di lemela kgwebo le go ruela mo go ka fetlhang mebereko banni ba bereka mo teng ba itshetsa le bana ba bone.

Mo go tse dingwe banni ba boletse fa go sena ditiro mo Khwee mme jaanong ba beile fela mo lenaneong la Ipelegeng, ba re go a tlhaela ka gore batho ba bereka ka go fapaana kgwedi le kgwedi.

Ba kopile gore segolo go oketswe dipalo le nako gore ba kgone ba itatswe ka sengwe ka go sena ditiro dipe mo motseng wa bone.

Ba ngongoregile ka  dirukutlhi dingwe tsedi thubetsang le tse di bolayang gore ba seka ba letelelwa go emela tsheko ba le ko ntle ko ba felelang ba dira melato e mengwe gape.

Ba boletse gape gore dintwa le tiriso ya dithipa mo Khwee e diragala tsatsi le letsatsi mme ba ngongoregela mapodise go nna maoto a tshupa fa ba begelwa dikgang.

 

Ba ngongoregile ka polase ya bone ya morafe ee santseng ise e simololwe le mororo ba beilwe fela sentle. Ba boletse gape ka dikoporase tsa bone tsa ba boletseng di sa bereke. Ba batla motlakase mo motseng wa bone ka bonako. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KHWEE

Event : Phuthego

Date : 05 May 2021