Sorilatholo o ikaelela go kopa polase go lema dijo
05 May 2021
Morafe wa Sorilatholo kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba mo thulaganyong ya go kopa polase gore ba leme dijo.
Mafoko a builwe ke Kgosi Olebetse Phemelo mo potsolosong bosheng, mme a supa fa kgato eo e ka nna molemo fela thata mo go rotloetseng banana ba motse oo go diraka natla mo tirong.
Kgosi Phemelo a re ba ne ba bitsa morafe wa motse oo gore ba tle ka megopolo e ba ka e dirang go tokafatsa itsholelo ya motse wa bone mme mogopolo wa polase wa dumalanwa.
A re maikaelelo magolo a mogopolo oo ke go rurifatsa gore motse wa bone wa tlhabologa ka jaana ba tlile go batla mogwebi yo o ka beeletsang mo motseng wa bone.
Kgosi o ne a supa fa seo se tla tlisa madirelo a temo mo motseng mme gape banana batla ithuta go le gontsi le gone go bona ditiro gore ba kgone go itshetsa.
A re thapelo ya bone ke gore ba kgone go dira toro eo ya bone ka seo se ka fetola seemo sa motse wa bone mme e nne motse wa madirelo a tlhwatlhwa.
Kgosi Phemelo a re ba tlaa itebaganya le temo ya dijo tse e leng gore Botswana o di tsaya kwa ntle mme ka jalo ba rurifatsa gore e nna bone boremelelo jwa dijo tsa maemo a ntlha.
A re o dumela gore e re ka jaana Roma a sa agiwa letsatsi le le lengwe, motse wa Sorilatholo letsatsi lengwe o tla bo o galalela ka dilo tse dintle.
O ne a rotloetsa banni go ema ka dinao go fetola seemo sa motse wa bone le gone go bona gore toro ya bone e nna boammaruri.
Mo go tse dingwe Kgosi Phemelo o ne a ngongorega ka tsela ya bone ya Khumelapye-Sorilatholo e e leng mo seemong se se sa jeseng monate.
A re go simolola ka dingwaga tsa 2017 tsela eo ga e ise e ko e tlhole e siama mme khansele e ne ya solofetsa go e baakanya mme nako kgolo ke eno.
O ne a supa fa gape tsela ya bone e e ba golaganyang le Salajwe e setse e thugile ditlhare mme ba sale ba kopile ba lephata la ditsela go ba thusa go baakanya tsela eo mme ga go nko e tswang lemina.
Kgosi o ne a supa gape fa a ngongorega ka tiego ya dikago tsa matlo a LA2 a a sa bolong go simololwa go agiwa mme a tsaya lebaka gore a fele.
A re matlo ao a sale a simolotswe ka ngwaga wa madi wa 2018/19 mme le gompieno a santse a ise a fele.
Kgosi a re seo se a tshwenya fela thata ka gore badirelapuso ba tlhoka boroko mo motseng wa gagwe e bile bangwe ga ba kgone go tla ka lebaka la letlhoko la boroko. BOPA
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : SORILATHOLO
Event : Potsolotso
Date : 05 May 2021