Breaking News

Letlhoko la ditiro le ba jesetsa mo kgobedung

05 May 2021

Kgosi wa Sorilatholo, Rre Olebetse Phemelo, a re letlhoko la ditiro le jesetsa morafe mo kgobedung.

Mo potsolotsong ka Labone kgosi o ne a supa fa morafe wa gagwe o bolawa ke tlala ka lebaka la go tlhoka ditiro.

A re motse wa bone o santse o tlhabologa, ka jalo go se motlhofo gore motho a ka bona tiro, mme bontsi jwa banni ba tshela ka Ipelegeng.

Kgosi Phemelo a re ba ba neng ba tshela ka go tshwara ditiro tse di potlana, diphatlha tsa bone di tswalegile mme go se nko e tswang lemina. 

Kgosi o ne a tlatsa ka gore banni ba motse oo ba beile mo lenaneong la Ipelegeng mme dipalo tsa lone di ne tsa fokodiwa ka go theogela ba fapaana go fokotsa dipalo tsa babereki mme seo sa baka koketsego ya botlhoki mo motseng wa bone.

A re go le pele, batho ba ne ba bereka Ipelegeng ba sa tlodise mme jaanong ka ba tlodisa kgwedi tse pedi, seemo se tsere phekelo e sele le ntswa ba tlhaloganya seemo sa botsogo mo nakong ya gompieno.

Kgosi Phemelo o ne a supa fa a itumelela gore morafe wa gagwe o obamela melawana yotlhe ya ba botsogo mme seo se thusa go laola bolwetse. Kgosi a re ba rwala dibipamelomo, ba nna ba katologane le gone go tlhapa matsogo ka molora kgapetsakgapetsa go thusa go emisa kanamo ya mogare wa Corona.

A re le fa go ntse jalo mathata a matona ke barekise ba bojalwa bogolo jang majalwa a Setswana ka ba palelwa ke go obamela dinako tsa go tswala madirelo a bone.

Kgosi a re bangwe ba setse ba tshwerwe ba rekisa majalwa a sekgoa mo madirelong a bone le ntswa ba sa tshwanela go dira jalo mme bangwe ba lefisiwa madi a go dumela melato ya bone.

 

O ne a supa fa ba setse ba kile ba ba bitsa go ba lemotsha ka bodiphatsa ja go sa obamelg melawana ya khofiti mme a re seemo se ne sa tokafala le fa ntswa go na le ba ba santseng ba saletse kwa morago. Are ntswa ba nnile lesego thata gore mogare wa Corona o seka wa tla kwa go bone o le bokete mme ba lebogela tshireletso ya Modimo fela thata. BOPA

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : SORILATHOLO

Event : Potsolotso

Date : 05 May 2021