Breaking News

Motse wa Khwee o gatetse pele

04 May 2021

Motse wa Khwee o kwa kgaolong ya Boteti Botlhaba sekgala sa dikhilomethara di le masome a marataro kwa borwa jwa Letlhakane.

Motse o fa godimo ga motlhaba oo boleta mo gare ga ditlhare tsa marukuru le magwana.

Tsela ya go ya teng ke lekgarapana.

 Fa pula e nele, go thata go tsamaya ka tsela eo.

Motse o, o ikadile fa lefatsheng lele ratwang bobe ke pula, ditlhare tsa teng le bojang di nna di le ditala. 

Banni ba motse o ke batho ba letso la Sesarwa, e bile ba atile thata ka go aga megwafatshe le mesasana. 

Motse o, o  fa  gare ga dipolase e bile bojang mo motseng bo gola thata.

Kgosi Rre Gabareutwe Boloka a re Khwee o thibeletse semmuso ka ngwaga wa 1989.

O boletse fa leina la Khwee letswa mo go rre mongwe yo a neng a eteletse pele morafe wa Basarwa.

A re ditso di supa fa monna yo, a ne a le marapo, a le botlhale e bile a itse go tsoma gape a le boikanyego, ka jalo ba bona gore ke ene motho yoo ka ba etelelang pele.

Kgosi Boloka a re lefelo leo le ne la bidiwa ka ene a sena go tlhokafala

Kgosi o boletse fa bontsi jwa batho ba Khwee ba tlholega kwa Malatswai kwa kgaolong ya Legare mme baya go thibelela koo ka gone go na le phulo ee nametsang ebile gape e na le diphologolo tsa naga tse e neng ele tsone dijo tse di tona tsa bone.

A re nako nngwe ofisi ya ga molaodi le ya khansele di ne tsa latela batho ba ba neng ba nna kwa Khwee gore ba hudugele kwa Malatswai gore ba bone ditlamelo segaufi.  

A re e rile go goroga koo, lekoko leo la fitlhela batho ba setse ba le bantsi thata mme puso ya tsaya tshwetso ya gore ba tlogelwe, mme ba tlaa thusetswa gone foo.

Ba tlhokomelwa thata ke lephata la RADP. 

Ba ne ba fiwa dikgomo le dihutshane ba bo ba epelwa sediba go nosa.

Mo go tsa ditlhabololo, Khwee o na le sekole sese botlana le matlwana a boroko a baithuti,  kokelwana le ofisi ya sepodisi.

Mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Neo Onneile, o boletse fa ba tshwere ka matsogo a mabedi mo ditlhabololong. 

A re go lefelo lele rokelang bana ba sekole paka mme ele la komiti eo.

Mme Onneile o boletse fa ba na le madirelo a apayang borotho, dikoporase tse di santseng di sa dire, polase ya dihutshane e ba thusitsweng ka yone ke moepo wa Karowe gammogo le polase ya morafe ee santseng e dirwa.

Mme Onneile, yo dirang kwa Kitsong Centre, e le yone eleng ya morafe a re ba e diretswe ke khamphane ya megala ya BTC. 

Le fa gontse jalo, Mme Onneile a re le mororo ditlhabololo dingwe di nametsa, sebe sa phiri ke gore dingwe tse ba sa bolong go di kopa di tsaya nako go diragadiwa.

O boletse fa ba tshwenngwa ke letlhoko la ditiro a bolela fa bontsi jwa banana ba nna fela ba sa dire sepe fa bangwe ba lwela le bagolo Ipelegeng.

A re baithuti le bone ba tlogela sekole bogolo jang baba tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Makgadikgadi kwa Mosu ka seipato sa gore ba a tshwenngwa.

 O boletse fa motse wa bone o tlhoka motlakase le gore tsela ya bone ee maswe e tshwanetse ya dirwa botoka.

Rre Sase Keutule o boletse fa ba sa thusiwe sentle ke ba bongaka, a re bone e le Basarwa ba ne ba dirisa ditlhare tsa bone tsa setso mme gone go sena malwetse aa ba atumelang.

Rre Mothusi Molodi o kopile lekgotla la kabo ditsha go aba lefatshe gore batho ba lese go nna gologole gongwe.

 

O boletse fa go tlhoka go beiwa ditsha go tsala dikgogakgogano ka gore jaanong batho ba a ipaya. BOPA

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KHWEE

Event : Potsolotso

Date : 04 May 2021