Breaking News

Modukanele o tlhalosa melao

04 May 2021

Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele, o lekodisitse dikomiti tsa motse kwa Mokungwane, Matlhakola le Goo-Sekgweng ka dikgang tsa palamente e e sa tswang go wela.

Rre Modukanele o tlhalositse fa lekgetho la VAT le okeditswe ka two per cent go tswa kwa go 12 per cent.

A re dijo tse di neng di sena lekgetho jaaka mabele le phaletshe ga di a amega fa e se gore beng ba marekisetso ba okeditse ditlhotlhwa ba lebile gore ba babalelwa ke leokwane ka le okeditswe.

A re botlhe ba ba amogelang P48 000 ka ngwaga, ke bone ba ba tlaa duelang lekgetho e seng ba ba amogelang P36 000 ka ngwaga jaaka pele.

O tlhalositse fa go dule molao o mosha gore fa mopalamente a tlogela phathi e a ileng palamenteng ka yone go tlaa iwa ditlhophong.

Rre Modukanele, yo gape e leng Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae o tlhalositse fa go tlaa nna le buka e e kwalang maina a ba ba kgokgontshang mo go tsa tlhakanelo dikobo gore ba itsiwe lefatshe lotlhe ka ba le borai.

O kaile fa Lerala/Maunatlala e le kgaolo ya temothuo le bojanala.

“Re tsweletse re le puso ka lenaneo la ISPAAD, mme le a sekasekwa. Re solofetse go le gontsi mo go lone ka maikaelelo a gore lefatshe le itirele dijo,” Rre Modukanele a tlhalosa. 

A re lenaneo le le ya go tla le remeletse thata mo kagelelong ya masimo ke digongwana.

O kopile dikgosi go rotloetsa morafe go sala ditaelo tsa botsogo morago go tila go tsenwa ke segajaja sa COVID-19 ka gore fa dipalo di ya kwa godimo, itsholelo e a amega mme madi a a ka bong a tlhabolola metse a diriswe go lwantsha bolwetse.

Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse kwa Mokungwane, Rre Monkgogi Moswanti, o kopile gore go okediwe dipalo le dikatso tsa babereki ba Ipelegeng ka ba itshetsa ka yone fa modulasetilo wa komiti eo kwa Matlhakola, Mme Kesia Abel a supile fa go na le dingwaga ba sa bewe ditsha se, se bo se dira gore ba kgotlhagane mo malwapeng.

A re go na le letlhoko la dibuka, ditilo le ditafole kwa sekoleng le letlhoko la metsi ka dipompo tsa morafe di tswetswe.

Kwa Goo-Sekgweng, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Mokganedi Gabalebale, a re ba na le diofisi kwa kgotleng, mme sebe sa phiri ke gore ga di na motlakase mo di tlogang di onala ba ise ba di dirise ka di sa le di agwa.

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha kwa Palapye, Rre Isaac Maforaga o tlhalositse fa go na le batho ba le 96 000 ba ba ikopetseng ditsha mme tsamaiso e bonya.

“Re tsile go baya masimo a le 1 350 pele re ka baya ditsha tsa bonno tse di 2 166 go simolola kgwedi ya Motsheganong e rogwa,” Rre Maforaga a tlhalosa.

Mooki wa Lecheng, Mme Chandapiwa Chaba o kaile fa banni ba kgaolo ya gagwe ba amogetse mokento wa COVID-19 sentle. 

A re o kentile bagodi ba le 35 kwa Matlhakola, 10 kwa Mokungwane fa kgwedi ya Moranang e le boferabongwe mme o ne a tlhalosa fa ba ya go tsaya mokento wa bobedi ka kgwedi ya Phukwi.

 

O rotloeditse banni go tswelela ka go rwala dibipa nko le molomo le fa ba kentilwe. BOPA

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : MOKUNGWANE

Event : Phuthego

Date : 04 May 2021