Breaking News

Kgosi wa Lerala o lela ka malaria

04 May 2021

Kgosi Ookeditse Shaw wa Lerala a re ba tlhasetswe ke malaria.

O boletse se mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Setlhabelo Modukanele kwa Lerala, Maunatlala le Lesenepole ka Labone.

 Kgosi Shaw a re ba na le bothata jwa malaria ka go setse go na le batho ba le masome a mane le bobedi ba ba lwalang, mme go setse go tlhokafetse ba le bararo, ngwaga ono le o o fetileng.

A re ngwaga o o fetileng go ne ga tshelwa molemo mo matlong, mme ba ne ba dumela fa ba tlaa thusega. 

Le fa go ntse jalo, a re bolwetse bo ntse bo a kekela kwa motseng oo.

Kgosi Shaw o ne a kopa gore molemo o o tshelwe gape mo matlong le kwa masimo gape ba thusiwe ka matloa a montsana gore ba boloke motshelo a batho.

O ne a tlhalosa fa matlo otlhe a ne a sa tshelwa molemo ka gore beng ba one ba ne ba le kwa merakeng, mme matlo a bone a lotletswe.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Keitumetse Baithumi o ne a tlhalosa fa ba belaela fa montsana o o bakiwa ke metsi a a bakilweng ke pula e ntsi.

Rre Baithumi a re ba itumelela ditlamelo tse di simolotseng kwa Lerala kgwedi eno, ka di tlaa fokotsa metsamao e meleele le madi a ba ntseng ba a dirisa go latela ditlamelo kwa Palapye le Serowe. 

Mo go tse dingwe, a re ba kopa go agelwa kokelo ka gore kokelwana ya bone e nnye, ntswa batho ba belegisetswa mo go yone, gape ba kopa go agelwa lefelo la sepodisi ka gore mapodisi a mantsi mme ba dirisa ofisi e le nngwefela kwa kgotleng.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya barui, Rre Diphurelelo Mokome, a re puso e senyegelwa ke madi a mantsi, ka gore batho ba a lema mme ga ba robe sentle, ka gore barui ba dikgomo ga ba di tlhokomele jaanong e setse o ka re ba lemela tsone fela.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Maunatlala, Rre Gobusamang Kore ene a re batho ba le 654 kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala ba ba neng ba tshwerwe ka COVID-19, ba ne ba fola, mme ga seka ga nna le dintsho dipe. 

A re se ne sa rotloetsa tshwaragano fa gare ga barutabana le batsadi.

Rre Kore a re ba amogetse mokento e kwa Maunatlala ka go setse go kentilwe bagolo ba le 119, fa ba bangwe ba santse ba o emetse ka one o sa ba lekana.

A re ka tsholofelo e sa tlhabise ditlhong, ba emetse go agelwa kokelo, mme ba kopa go katololelwa lehuti la matlakala le gore le agelelwe le katoloso ya mabitla ka a setse a tletse.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Lesenepole, Mme Mary Dintwa, a re ba tshwenngwa ke batho ba ba nwang bojalwa, ka gore ga ba sale ditaelo tsa ba botsogo morago. 

A re ba kopa badiri ba botsogo, mophepafatsi, modisa dikago wa motshegare kwa kokelwaneng, leobo la kgotla, mokenti le diofisi tsa bommaboipelego.

Mopalamente Modukanele a re puso e a dumela gore kokelo e a tlhokafala kwa Lerala, mme itsholelo e sa ntse e le kwa tlase ka go lwantshiwa COVID-19, mme ba tlaa thusiwa fa seemo se boela mannong.

Rre Modukanele o ne a rotloetsa setshaba go rwala dibipa melomo le dinko, le ntswa ba kentilwe ka gore mokento ga o alafe, mme o thusa gore fa motho a ka tsenwa ke mogare a kgone go bo lwantsha.

 A re o a itumela fa mokento o o gorogile mo dikgaolong tsa gagwe, le fa o sa ba lekana.

Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele o ne a lebogela mopalamente go ba etela mo nakong tse di thata tsa COVID-19.

 

 A re batho ba ba nang le dikgwebo ba ba ja ntsoma, mme a kopa gore ditlhwatlhwa di laolwe ka baji bareki ba babalelwa fela thata.BOPA

Source : BOPA

Author : Segojame Ikgopoleng

Location : LERALA

Event : Phuthego

Date : 04 May 2021