Breaking News

Mochudi Hardware e a aba

04 May 2021

Marekisetso a Mochudi Hardware a abetse ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Mochudi Bophirima dibipa melomo le dinko, di bolaya mogare tsa dilithara tse di masome mabedi le botlhano di le tlhano le tsa dilthara tse tlhano di le lesome le di emere tsa molora o o phepafatsang di le tharo.

Fa a amogela dimpho tseo bosheng, mopalamente Rre Mmusi Kgafela o lebogetse bopelontle jwa Mochudi Hardware a bo a akgolela marekisetso ao maiteko a go thusa setshaba.

Rre Kgafela, yo gape e leng tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, o supile fa a tlaa ikgolaganya le makhanselara a kgaolo go bona gore dimpho tse ba ka di kgaogana jang le ba ba di tlhokang.

Mong waa marekisetso, Rre Sandeep Gulati, o kaile fa se e le nngwe ya maitlamo a bone a go thusa setshaba.

A re mo dinakong tsa segompieno tse go tshelelwang mo goa COVID 19, go botlhokwa go thusana ka tse di ka hemang bolwetse.

 

Rre Gulati a re o na le tsholofelo ya gore Mochudi Hardware e tlaa tswelela ka tirisano mmogo le ofisi ya mopalamente go ya pele.  BOPA

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : MOCHUDI

Event : Kabo-dimpho

Date : 04 May 2021