Sehunou o robaletswe ke ditlhokwa - kgosi
03 May 2021
Kgosi Madala Gabagopolwe wa Sehunou kwa kgaolong ya Legare a re motse wa gagwe o robaletswe ke ditlhokwa fa e sale tshimologo ya melawana e e itebagantseng le segajaja sa COVID-19.
O boletse mo potsolosong ka Labone fa e ne ya re mo ngwageng wa 2020 fa go nna le kiletso mesepele a ne a lemoga fa dikgang tsa botlhokatsebe jaaka dikiteo, go tlhabana ka dilo tse di bogale, ditlhapa le dipolaano di wetse tlase fela thata.
Ka jalo Kgosi Gabagopolwe a re dikgang tse di ka nnang teng mme e se tse di tshwenyang thata ke tsa tetlanyo.
O supile fa bontsi jwa ditiragalo tse di ne di diragala kwa mafelong a go rekisiwang nnotagi teng.
Mo go tse dingwe, o ne a supa fa go kile ga nna le batho ba le babedi ba ba neng ba tshwarwa ka mogare wa COVID-19 mo motseng wa gagwe mme ba ne ba fola.
A re go le pele bangwe ba ne ba sa dumele fa COVID-19 e le borai e bile e bolaya ka ba ne ba ise ba nne le masika kana bangwe ba ba ba itseng ba e ba amileng.
O ne a lebogela dithuto tse di anamisiwang tsa COVID-19 a bolela fa di thusitse fela thata ka di supegetsa setshaba gore lefatshe leno le amegile jang le gore go itlhokomelwa jang.
Kgosi Gabagopolwe o ne a supa fa e rile mo mokentong wa ntlha wa COVID-19 ga seka ga nna le mongwe wa bagodi mo motseng wa gagwe yo o neng a o fiwa ka jalo a re o na le tsholofelo ya gore e tlaare fa go simololwa mokento gape bangwe ba kentiwe. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEHUNOU
Event : Potsolotso
Date : 03 May 2021