Breaking News

Ba rotloediwa go itoma wa tlase

03 May 2021

Barui ba ba amogetseng dimpho tsa diphoko le diphelehu ka lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ba gwetlhilwe go nna batshwarateu mo leetong la go tsholetsa serodumo sa thuo ya dihutshane.

Mokgosi o o tlhabilwe ke Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, kwa Rakops le kwa Khumaga ka Labone fa a ne a wetsa thomo ya ga Tautona go aba diphoko le diphelehu kwa kgaolong eo.

Fa a abela morui wa Rakops, Rre Galemphete Sethapelo phelehu kwa morakeng wa Matsiara, Rre Tsogwane o kaile fa barui ba ba thusitsweng ka lenaneo leo ba lebanwe ke boikarabelo jo bogolo jwa go tlhomamisa gore seabe sa bone mo go godiseng le go lere katlego mo mohameng wa thuo ya dihutshane e nna se se bonwang ke botlhe.

Rre Tsogwane, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Bophirima, a re go ka nna thona fa ba ka iphotlhara mme ba seka ba dira ka natla go godisa peo e Tautona Masisi a e jwadileng mo mohameng oo.

O rotloeditse barui ba dihutshane segolo jang ba ba santseng ba fatlhoga go tiisa mo thuong ya bone ka go setse go rurifaditswe fa thuo ya dihutshane e na le dipoelo tse dintle.

Rre Tsogwane a re e re ka mmaraka o le montsi mono le kwa ntle, go mo maruding a barui go itsolopanya gore ba seka ba engwa ke sepe pele.

Mothusa Tautona, yo o neng a abela Rre Sethapelo phelehu ya letsopa la Dorper, o kaile fa thuo ya dihutshane e le gaufi le pelo ya ga Tautona Masisi, mme ebile e le toro ya gagwe go bona Batswana ba o tsaya ka tlhwaafalo.

Go dira jalo go ka ba baya mo maemong a mantle a go akola ka botlalo tsotlhe tse di ka rojwang mo go bone.

Fa a amogela mpho ya gagwe, Rre Sethapelo o ne a nesetsa pula thulaganyo e, a re ene ka namana e mo tiisa moko go tshwara ka thata go gaisa jaaka a ntse a dira.

O ikuetse mo pusong go sekaseka molao wa peo ya didiba e a boletseng fa e ba jesetsa mo kgobedung ka ba sa kgone go bewa didiba ka gotwe tse di setseng di beilwe di atamelane thata.

A re ka ntlha ya seo, o iphitlhela a kokonelwa ke go duelela go isediwa metsi kwa morakeng go nosa dihutshane tsa gagwe ka tsone di sa kgone go lata metsi kwa nokeng kwa Rakops jaaka dikgomo.

Fa a abela, Mme Gofentsemang Johane phoko kwa merakeng ya Khumaga II, Mothusa Tautona o supile fa thuo ya dihutshane e ka fetlha khumo ya ba ya thusa lefatshe leno go ntsha dijo tse di lekaneng.

A re se se ka thusa go fokotsa go ikaega ka mafatshe a mangwe go bona dijo.

Mme Johane o ne a opela puso legofi go mo tsaya tema mo mosepeleng wa gagwe wa thuo.

 

O kaile fa phoko eo e tlaa tlhabolola boleng jwa dipudi tsa gagwe mme seo se dire gore dipoelo go tswa mo go tsone di gole. Rre Tsogwane o abetse barui ba le lesome le borataro ba kgaolo ya gagwe ya botlhophi diphoko le diphelehu mo bekeng e e fetileng. BOPA

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : RAKOPS

Event : Phuthego

Date : 03 May 2021