Ba babedi ba fitlhetswe ka matlalo a nkwe
03 May 2021
Mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi a tshegeditse banna ba le babedi go ba thusa ditlhotlhmiso morago ga gore ba fitlhelwe ka matlalo a le mararo a go belaesegang e le a nkwe.
Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o tlhalositse mo potsolotsong fa ba ne ba longwa tsebe ke mongwe.
Superintendent Ramatsia a re babelaelwa ba ba tlholegang kwa Werda le Hereford ba fitlhetswe ka matlalo ao kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi le bobedi mme mo nakong ya gompieno ba tshegeditswe ke mapodisi.
O boletse fa go belaesega maikaelelo a bobedi joo jwa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro le masome a mane le boferabongwe e ne e le go ya go rekisa matlalo mme mapodisi a ba tshoganyetsa.
Superintendent Ramatsia o tlhalositse fa matlalo a tlaa romelwa kwa go bomaitsaanape go ya go netefatsa gore ke a sebatana sefe. O gakolotse banni ba kgaolo le setshaba ka karetso go ikgapha mo go tsomeng le go bolaya dibatana mo go seng ka fa molaong ka dingwe di le borai mo matshelong ebile di ka felela di bakile dintsho. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : WERDA
Event : Potsolotso
Date : 03 May 2021